Location via proxy:   [ UP ]  
[Report a bug]   [Manage cookies]                
Jump to content

Klerksdorp

Go tswa ko Wikipedia
Klerksdorp
Toropo
NG Kereke Klerksdorp
NG Kereke Klerksdorp
NagaSouth Africa Aforika Borwa
ProfenseBokone Bophirima
KarolwanaDr Kenneth Kaunda
MasepalaCity of Matlosana
Area
 • Total105.98 km2 (40.92 sq mi)
Palo batho
 (2011)[1]
 • Total186,515
 • Density1,800/km2 (5,000/sq mi)
Ditlhopha tsa Batho [1]
 • Bantsho74.0%
 • Basweu18.0%
 • MaKhalathi6.4%
 • MaIndia1.3%
 • Babangwe0.3%
Maleme [1]
 • Setswana42.7%
 • Afrikaans23.8%
 • Sethosa11.7%
 • Sesotho10.7%
 • Amangwe11.2%
Nomoro ya Poso
2570
Nomoro ya mogala018

Klerksdorp ke setoropo sekgolo mo profenseng ya Bokone Bophirima mo Aforika Borwa.

Toropo e ne ya tlhomiwa ka 1837 kgotsa 1838 fa Voortrekkers ba ne ba nna mo dintshing tsa Schoonspruit ("Clear stream"), e e elelang mo toropong. Klerksdorp ke lefelo la bogologolo la Yuropa kwa bokone jwa Noka ya Vaal, mme ka jalo ya Zuid-Afrikaansche Republiek (Z.A.R), e e itsegeng gape jaaka Rephaboliki ya Transvaal. Motho yo o neng a itsege thata mo baaging ba ntlha e ne e le Hendrik Grobler yo o neng a bolela fa polase ya gagwe e le ya bogolo jwa 160 km2 (62 sq mi), a e bitsa Elandsheuwel ("Thota ya Eland"). O ne a naya batho ba bangwe ba kwa Voortrekk lefatshe le ditshwanelo tsa go fula mo polaseng eno gore ba tle ba dire tiro ya go aga letamo le go nosetsa. Setlhopha se sa dipolase tse dinnye se ne sa rewa leina la Klerksdorp go tlotla landdrost wa ntlha (magiseterata) wa kgaolo, Jacob de Clercq.

Maemo a toropo

[fetola | Fetola Motswedi]

Le fa Klerksdorp e ne ya itsisiwe semmuso jaaka toropo fela ka 1888, pele ga moo e ne e sa tsewe jaaka toropo ke banni ba yona fela, mme gape le ke baeti le e leng ke balaodi. Ka 1850 Moruti. A. Murray o ne a umaka "toropo ya Schoonspruit" fa a ne a le mo loetong lwa gagwe go ralala Transvaal. Mo go one ngwaga oo, lekwalo la semmuso, pego ya go tlhatlhoba, e ne ya bua ka "toropo ya Klerksdorp" fa banni ba teng ba ne ba kopa dikarolo tse dingwe tsa lefatshe. Dingwaga di le supa moragonyana, ka 1857, mosekisi wa puso J. H. Visagie o ne a kwalela mokwaledi wa puso C. Moll gore go ne go ka nna molemo gore go tlhamiwe melawana ya Klerksdorp. Tautona M. W. Pretorius o ne a ntsha melawana ya Klerksdorp le Skoonspruit ka 1859.

Gold rush ya 1885

Old Klerksdorp Stock Exchange
Klerksdorp Concentration Camp ya maAfrika

Ka Ngwanatsele 1885 gauta e ne ya bonwa kwa kgaolong ya Klerksdorp ke M. G. Jansen van Vuuren mmogo le kwa Witwatersrand, e e leng dikilometara tse di ka nnang 160 go ya kwa botlhaba. Ka ntlha ya seo, batho ba le diketekete ba ba neng ba batla dikhumo ba ne ba tla mo motsaneng ono o monnye, ba o fetola toropo e e nang le matlo a go jela a le 70 le e leng go nna le borekisetso jwa madi jwa one. Thekiso ya matlotlo e ne ya bula dikgoro tsa yone ka 1888 mme ka bonako fela e ne ya dira kgwebo e e boitshegang, e rekisa go lekana le R20,000 ka letsatsi le le lengwe.Old Klerksdorp Stock Exchange Le fa go le jalo, tlhago ya lekekema la gauta le ne le tlhoka didiriswa tse di tlhwatlhwa-godimo le tse di raraaneng go epa le go ntsha gauta, mme seno sa dira gore bontsi jwa badiri ba ba epang ba fuduge kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1890 mme sa isa kwa go fokotsegeng ga madirelo a meepo ya gauta. Se gape se ne sa dira gore go nne le go nyelela go go neng go sa lebelelwa ga Stock Exchange e e neng e eme e sa dirwe sepe ka dingwaga di le dintsi, e ne ya fetolwa go nna cinema ka 1912 mme kwa bofelong ya thubiwa ka 1958. Tsamaiso ya go kopanya e e dirisitsweng go ntsha gouta go tswa mo thotong e e thubagantsweng e ne e sa dire sentle mme e ne ya thusa thata go fokotsega. Ka 1893 mokgwa o moša wa MacArthur - Forrest o o dirisetswang go ntsha gouta o tlisitse tsosoloso ya nakwana mo intasetering ya meepo ya gouta ya Klerksdorp, fela go se tlhomamisege go go tlhodilweng ke Jameson Raid ya Sedimonthole wa 1895 gammogo le mathata a dipalangwa a a tlhodilweng ke leroborobo la kgomo ya 1896 go ise go ye kae a tlhodile go wa ga intaseteri.

Ntwa ya Bobedi ya Maburu (1899 - 1902)

Ba-Australia le Ba-New Zealand kwa Klerksdorp, 24 Mopitlwe 1901 ka Charles Hammond (1904)

Ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Maburu (1899 - 1902), go ne ga nna le dintwa tse di bokete mo lefelong le, le gape le neng le na le dikampa tse pedi tse dikgolo tsa pogisetso, e nngwe ya Basweu (e e neng e le kwa Klerksdorp High School ya segompieno) le e nngwe e e farologaneng ya Maaforika (e e leng mo lefelong le gompieno e leng motse wa Ellaton le wa Neserhof).

Klerksdorp Concentration Camp ya batho ba basweu

E e tumileng thata ya dintwa go dikologa Klerksdorp, ke ya Ntwa ya Ysterspruit ("Iron Stream"), eo mo go yona mogenerale wa Maburu Koos de la Rey a fitlheletseng phenyo e kgolo. Ntwa e ke nngwe ya tse di tumileng thata mo tirong ya mogenerale, e le ntwa e mo go yone masole a Maburu a simolotseng go dirisa botswerere jwa go thunya go tswa kwa morago ga pitse. Ka di 11 Moranang 1902, Rooiwal, gaufi le Klerksdorp, e ne ya bona Ntwa ya Rooiwal, ntwa ya bofelo e kgolo ya ntwa, kwa tlhaselo ya Maburu e neng ya fenngwa ke masole a Boritane a a neng a thibile. Ba Australia le ba New Zealand kwa Klerksdorp, 24 Mopitlwe 1901 ka Charles Hammond (1904) Mabitla a batswasetlhabelo ba dikampa tsa pogisetso ka bobedi a santse a ka etelwa gompieno kwa Old Cemetery Complex fela kwa ntle ga toropo, palo e e kwa tlase ga sekete


Desmond Tutu le ngwao-boswa ya Maburu

Gompieno Klerksdorp e ketekwa jaaka lefelo la botsalo la Moarekabishopo wa Anglican Emeritus Desmond Mpilo Tutu ka di 7 Diphalane 1931. O ne a amogela Sekgele sa Nobel sa Kagiso ka 1984 ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go batla "setšhaba se se nang le temokerasi le se se siameng se se se nang dikgaogano tsa lotso". Tiro ya botshelo jotlhe jwa ga Desmond Tutu e nnile go fodisa dintho tse di setseng mo baneng ba dintwa tse dintsi tsa go laola Afrika Borwa. Go a gakgamatsa gore lefelo la gagwe la botsalo le ne le le mo gare ga difikantswe tsa Ba-Boer le mafelo a bogologolo a ntwa, mafelo a bogologolo a a neng a agiwa ke Ba-Boer bao, mo gare ga bone go ne go na le baeteledipele ba ba itsegeng ba ba jaaka Jacob de Clerq, tota le gaufi le Witwatersrand koo go neng ga ribololwa gauta gone. Ka tsela nngwe o ne a kgona go fenya go nna le maikutlo a a sa siamang le go kgaogana ga batho mme a kopanya batho bano botlhe le batho ba ba neng ba fudugetse kwa mafelong a a tshwanang le ano, a dira gore e nne sekao se se molemo mo lefatsheng lotlhe. Moragonyana o ne a fiwa ditlotla di le dintsi tsa lefatshe ka bophara ka ntlha ya diphitlhelelo tsa gagwe mo go boelaneng ga dikgaogano tsa setso le setso mo hisetoring ya naga ya gaabo.

Dikgoge tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 Klerksdorp Census 2011