Location via proxy:   [ UP ]  
[Report a bug]   [Manage cookies]                
Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 27

SA EXAM PAPERS

______________________________

YOUR LEADING PAST YEAR EXAM PAPER


PORTAL

Visit SA Exam Papers

www.saexampapers.co.za
NATIONAL
SENIOR CERTIFICATE

MOPHATO 12

SETSWANA PUO YA GAE (HL)

PAMPIRI YA BOBEDI (P2)

NGWANAITSEELE 2016

MADUO: 80

NAKO: Diura di le 2½

Pampiri e, e na le ditsebe di le 26.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 2 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

DITAELO LE TSHEDIMOSETSO

1. Buisa tsebe e, ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso.

2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaneo la diteng mo


tsebeng ya bone, mme o tshwae dipalo tsa dipotso tse di boditsweng mo
dikwalong tse o di buisitseng monongwaga. Morago ga moo, buisa dipotso
tse, mme o tlhophe dipotso tse o batlang go di araba.

3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le THARO:

KAROLO YA A: Poko (30)


KAROLO YA B: Padi/Ditlhangwa tsa setso (25)
KAROLO YA C: Terama (25)

4. Araba DIPOTSO di le TLHANO: Di le THARO mo KAROLONG YA A, e le


NNGWE mo KAROLONG YA B le e le NNGWE mo KAROLONG YA C ka
mokgwa o o latelang:

KAROLO YA A: POKO
MABOKO A A TLHAOTSWENG – Araba dipotso di le PEDI.
MABOKO A A SA TLHAOLWANG – Araba potso e le NNGWE.

KAROLO YA B: PADI/DITLHANGWA TSA SETSO


Araba potso e le NNGWE.

KAROLO YA C: TERAMA
Araba potso e le NNGWE.

5. TLHOPHO YA DIKARABO MO KAROLONG YA B (PADI KGOTSA


DITLHANGWA TSA SETSO) LE MO KAROLONG YA C (TERAMA):

Araba FELA dipotso tsa padi kgotsa ditlhangwa tsa setso le terama tse o di
ithutileng.
Araba potso e le NNGWE ya TLHAMO le e le NNGWE ya DIPOTSO TSE
DIKHUTSHWANE. Fa o araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA B, o
tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG YA C.
Fa o arabile dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG YA B, o tshwanetse
go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA C.
Dirisa lenaneonetefatso go go thusa.

6. BOLEELE JWA DIKARABO

Karabo ya potso ya tlhamo ya poko e tshwanetse go nna mafoko a a ka


nnang 250–300.
Dikarabo tsa dipotso tsa tlhamo tsa padi kgotsa ditlhangwa tsa setso le
terama di tshwanetse go nna mafoko a a ka nnang 400–450.
Boleele jwa dikarabo tsa dipotso tse dikhutshwane bo laolwe ke maduo a a
neetsweng. Dikarabo tsa batlhatlhojwa di totobale, mme di nne maleba.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 3 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

7. Latela ditaelo kwa tshimologong ya KAROLO e NNGWE le e NNGWE.

8. Nomora dikarabo tsa gago ka nepagalo go ya ka thulaganyo ya dipalo tse di


dirisitsweng mo pampiring ya dipotso.

9. Simolola KAROLO e NNGWE le e NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA.

10. Tiriso ya nako e e tshikinngwang.

KAROLO YA A: Bonnye metsotso e le masomeamane (40)


KAROLO YA B: Bonnye metsotso e le masomeamatlhanotlhano (55)
KAROLO YA C: Bonnye metsotso e le masomeamatlhanotlhano (55)

11. Kwala ka mokwalo o o phepa e bile o bonala.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 4 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

LENANEO LA DITENG
Tsebe e, e naya batlhatlhojwa tshedimosetso tebang le tlhopho ya dipotso tse ba
batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe.
KAROLO YA A: POKO
Poko e e tlhaotsweng: Araba dipotso dingwe le dingwe di le PEDI.
PALO YA POTSO MOFUTA WA POTSO MADUO TSEBE
1. 'Ngwanaka o tsetswe' Potso ya tlhamo 10 6
2. 'Seetebosigo' Dipotso tse dikhutshwane 10 7
3. 'Go nwela ga mendi' Dipotso tse dikhutshwane 10 8
4. 'A ke bona bongwetsi?' Dipotso tse dikhutshwane 10 9
LE
Poko e e sa tlhaolwang: Batlhatlhojwa botlhe ba TSHWANETSE go araba potso e.
5. 'Dikeledi tsa dikhutsana' Dipotso tse dikhutshwane 10 10

ELA TLHOKO: Araba POTSO e le NNGWE YA TLHAMO le POTSO e le NNGWE YA TSE


DIKHUTSHWANE. Fa o araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA B, o
tshwanetse go araba potso ya tse dikhutshwane mo KAROLONG YA C. Mo
KAROLONG YA B le mo KAROLONG YA C araba potso e le NNGWE fela.

KAROLO YA B: PADI/DITLHANGWA TSA SETSO


PADI: Araba potso e le NNGWE fela go tswa mo pading e o e tlhaoletsweng.
6. Leba Seipone Potso ya tlhamo 25 11
7. Leba Seipone Dipotso tse dikhutshwane 25 11
8. Omphile Umphi Modise Potso ya tlhamo 25 13
9. Omphile Umphi Modise Dipotso tse dikhutshwane 25 13
10. Masego Potso ya tlhamo 25 14
11. Masego Dipotso tse dikhutshwane 25 15
KGOTSA
DITLHANGWA TSA SETSO: Araba potso e le NNGWE fela go tswa mo ditlhangweng tsa setso
tse o di tlhaoletsweng
12. 'Kilano ya boPekwa le boKgogo' le Potso ya tlhamo 25 17
'Mogaka Sol Plaatje'
13. 'Katse le mong wa yona' le Dipotso tse dikhutshwane 25 19
'Kgosi Molefi K Pilane'
KAROLO YA C: TERAMA

Araba potso e le NNGWE.


14. Matsapa di a tsaya kae? Potso ya tlhamo 25 21

15. Matsapa di a tsaya kae? Dipotso tse dikhutshwane 25 21

16. Ga se Lorato Potso ya tlhamo 25 23

17. Ga se Lorato Dipotso tse dikhutshwane 25 24

ELA TLHOKO: Mo DIKAROLONG tsa B le C, araba potso ya TLHAMO e le


NNGWE le potso e le NNGWE ya DIPOTSO TSE
DIKHUTSHWANE. Ga o a tshwanela go araba dipotso tse PEDI tsa
tlhamo kgotsa dipotso tse PEDI tse dikhutshwane.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 5 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

LENANEONETEFATSO

Lebelela lenaneonetefatso go rurifatsa fa o arabile palo ya dipotso e e tlhokegang.

KAROLO PALO YA PALO YA DIPOTSO TSHWAYA


DIPOTSO TSE DI ()
ARABIWANG
A: Poko 1–4 2
(Poko e e tlhaotsweng)
A: Poko 5 1
(Poko e e sa tlhaolwang)
B: Padi/Ditlhangwa tsa 7–13 1
Setso
(Tlhamo kgotsa dipotso
tse dikhutshwane)
C: Terama 14–17 1
(Tlhamo kgotsa dipotso
tse dikhutshwane)

ELA TLHOKO: Mo DIKAROLONG tsa B le C, netefatsa gore o arabile potso e le


NNGWE ya tlhamo le e le NNGWE ya dipotso tse dikhutshwane.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 6 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

KAROLO YA A: POKO

MABOKO A SETSWANA – MK Mothoagae

Dipotso di tlaa bodiwa go tswa mo mabokong mangwe a le MANE a a tlhaotsweng le


go tswa go le le LENGWE le le sa tlhaolwang. Batlhatlhojwa ba tshwanetse go araba
dipotso DINGWE le DINGWE di le PEDI go tswa mo mabokong a a tlhaotsweng le le
le sa tlhaolwang. Dipotso tsa maboko a a tlhaotsweng di tlaa tlhagelela pele, mme go
latele tsa leboko le le sa tlhaolwang.

ELA TLHOKO: Araba potso e le NNGWE ya leboko le le sa tlhaolwang.

POKO E E TLHAOTSWENG

Araba dipotso di le PEDI go tswa mo go di le nne tse di boditsweng.

POTSO 1: POTSO YA TLHAMO

Buisa leboko le le latelang, mme morago o kwale tlhamo e mo go yona o tlhagisang ka


moo mmoki a senolang botlhoko jwa go godisa ngwana, mme e re morago a go
tlhanogele. Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 250-300.

NGWANAKA, O TSETSWE – GK Setou

1 Ke go tlisitse mo lefatsheng
2 Ke le tshokolong le tshotlegong,
3 Ke go adimela ka ke se mengatong,
4 Go fitlha o tsena kgagabong,
5 Ka e tshwara bogaleng, ka re ngwana o ntswa mpeng.

6 Ke ne ke le kobo di magetleng,
7 Ka go isa thutong ya sešwa tlhabologong,
8 Ka go kotlopisetsa ka go kgobokanyetsa letsogong,
9 Ka bo ka ineela go ratharatha lenaong
10 Go na le gore o boe sekolong.
11 O ne o nkitse ke le monyo o nyang marigeng.

12 Ke ne ka go itshokela ngwanaka,
13 Ka mephato ka nna ka go tlhatlosa,
14 Ka tshepo ya gore nna kgakakgolo ga ke na mebala,
15 Mebala ke tshepile e le mo go wena,
16 Gona jaanong o khwekhwentha seeng,
17 O lebala fa ke go tsetse ka Setswana.

18 Tsona diatlanyana tse di tsofetseng tse,


19 Ona matsogonyana a a tsutsubaneng a
20 A go godisitse; a go dirile ke-a-thaisa.
21 O lebetse fa rraago a ikhuditse malobeng,
22 A bolaiwa ke serame se mo tsene marapong,
23 Serame ka ntlha ya go bapalela tsetse.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 7 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

24 Ke eng kajeno ke lejwa ke mang?


25 Ka le dikala tsa mobudu di setse di bonala,
26 Ka lela dikeledi tsa madi e seng tsa mathe,
27 Ka re ngwanaka nkutlwa, nkgadime, nkgotsofatse la bofelo.
28 Ka re tlogela legaagaa le mahumo a lefatshe.
29 Ka tsotlhe e le mogokitla o o tlileng go dutla. [10]

POTSO 2: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE


Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

SEETEBOSIGO – LD Raditladi
1 Rra, se ole bosigo, o tlaa gatsela.
2 Ngwana, o tlaa gadipana monwana,
3 Dikeledi matlhong di tlaa elela,
4 Dinko di tlaa tshologa lemina.
5 Naka borwa e tlhabile go rena,
6 Bonang tse dingwe ga di a tlhalefa,
7 Le ngwedi ga a phatsime, o a boifa.
8 Ga go na le motho o gatang sekau,
9 Re tsofetse jang go tsweng maloba,
10 Dinao tsa rona ke maroo a tlou,
11 E kete bannana ba maloba,
12 Tsa batho ba sa bolo go tshaba,
13 Lobelo lo ba remile dinao,
14 Ba gata e kete ba dira dinyao.
15 Serepoding ntšwa e a ngunanguna,
16 E ntse e roromisa le dirope,
17 O ka re e ka lopa Tintibana
18 A e bipa mmele ka morogo wa thepe.
19 Godimo a e rulelela mogope
20 Kwa sekgwaneng sele sa matlhware,
21 Tlhareng di tlhotlhoregang matlhare.
22 Matlhare a phaphasela godimo,
23 O ka re dinku di fula phefong.
24 Le ditlhare di supa mmopamo,
25 Ke matlharapana fela a dikgong.
26 Ditsitsiri ga di yo dikobong,
27 Madi a batho tota ga di a senke,
28 Di maname tsotlhe, ga di a mmake.

2.1 Kgankgolo ya leboko le, ke efe? (2)


2.2 Tlhalosa mola 1 go ya ka diteng tsa leboko. (2)
2.3 Naya sekapuo se se mo moleng 8 le mosola wa sona. (2)
2.4 Go ya ka ditemana tse di fa godimo, o ithutile eng ka ga kgwedi e ya
Seetebosigo? (2)
2.5 Tlhagisa maikutlo a mmoki o bo o tshegetsa karabo ka lebaka. (2)
[10]
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 8 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

POTSO 3: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

GO NWELA GA MENDI – MS Kitchen

1 A ga ya re mokgosi o dule moseja ole,


2 Go le thata, tau tse ditona di lotlhaganye;
3 Go le thata ya lentswe ka banna ba se bale,
4 Go befile, ka ditlhaka di tshelepeganye,
5 Ga bolola mophato wa Mautlwakgosi mono.

6 Koloi ya metsi Mendi, e sale e hulara


7 E paoganya ka bona mafatshe a magolo;
8 E phekile malatsi, ba gopotse ntlheng ya Fora
9 (Le ene Fora o buiwang ga ba mmona ka matlho)
10 Golo ba go ileng go itse tlhapi tsa Madiba.

11 He bagaetsho! Lalang ka ntho madi a tshologa,


12 Le pelo di gamuketse botlhoko di tlaa fola.
13 Ba ile barwa-rra-rona, ga ba na go menoga,
14 Ba jelwe ke tau e sa sisimogeng motho mmala,
15 Ba meditswe ke metsi a a se nang pelotlhomogi.

16 Go no go sa bolola legatlapa lepe nabo,


17 Go no go ile bomorwarra-loso-lo-dirwang fela-
18 Banna ba tswang mogang thamo ya phala e hibitse,
19 Banna ba tshwantshitseng bolalome le dibatana,
20 Thaka tse dikgolo tse dipelo di ritibetseng.

21 Fa mongwe a na a ba tlhasela lonyatsong


22 A re ke bodišaše ba ka mo tshoga ka seemo,
23 O na a tlaa thanya fela lomapo lo le tsebeng.
24 Mme fa le ene gongwe e le mosimane wa pholo,
25 Bogolo go no go ka ša logong ga sala molora.

3.1 Naya ponagalo ya poko e e mo moleng 2 le mosola wa yona. (2)

3.2 Naya sekapuo se se mo moleng 15 le mosola wa sona. (2)

3.3 Tlhagisa maikutlo a mmoki o bo o tshegetsa karabo ka lebaka. (2)

3.4 Tlhalosa mola 23 go ya ka diteng tsa leboko le. (2)

3.5 Ke thuto efe e o e ungwileng go tswa mo lebokong le? (2)


[10]

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 9 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

POTSO 4: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

A KE BONA BONGWETSI? – GK Setou


1 E re ke ntse ke lwa le mabele,
2 Ke a fetola gore ke a phothe sentle,
3 Ke utlwe mafoko a tshele fa morago ga me:
4 'Dingwetsi tsa kajeno di bolawa ke matheka;
5 Tsaya o je ka o itse yona mpa fela.'
6 Tenego e nkeledise go di gana, mpa yona e di lelela.
7 Ditlhare ga di na kutlwelobotlhoko,
8 Di kapa magatwe a a se nang lepele le lemorago.
9 Leino le ka ntshetsa motho wa senna mafokofoko.
10 Le rraBankganne ke tlaa mmona a ijisitse ditshipi,
11 A bolela fa a sa bolo go eletsa ngwana wa bobedi,
12 A bolela fa phoso e le marukhu a mantsi a.
13 Mmatsale e re ke lela mala
14 A bolele fa ngwana wa gagwe a lela ngwana;
15 A bolele fa go se pholo e nngwe gape;
16 Pholo e le mpa go potokana jaaka lephutshe,
17 Pholo e le go gorosa lesika.
18 A fetse a mpoditse gore a tota ke mosadi wa bana.
19 E le ruri seboba go batwa sa mokwatla,
20 Ka phoso e tlile go digelwa go nna,
21 Nna yo mme a leng kgakala.
22 E tswe rraBankganne le ene e ka tswa e le nkgwana.
23 Ga ke mo sale morago jaaka moriti,
24 Ga ke itse se a se dirang kgakala le pono ya me!
25 A ruri ke bona bongwetsi
26 Go nyalwa ke morwa le mmaagwe?
27 A kgotsa ke ka bo ke busitse tsa bogadi?
28 A go rata ke phoso, rraBankganne?
29 A kgotsa ke ka boela gae, mmatsalaaka?
30 Gaetsho kwa Morokologadi ga ke a latlhwa seka-ntšwa.

4.1 Morero wa leboko le, ke ofe? (2)

4.2 Ke maikutlo afe a a senolwang ke mmoki mo lebokong le? (2)

4.3 Naya sekapuo se se mo moleng 8 le mosola wa sona. (2)

4.4 Naya ponagalo ya poko e e mo meleng 16 le 17 le mosola wa yona. (2)

4.5 Tsaya mola 19 o o tlhalose ka mafoko a gago, mme bokao bo sa fetoge. (2)
[10]

LE

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 10 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

POKO E E SA TLHAOLWANG

POTSO 5: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

DIKELEDI TSA DIKHUTSANA – CLS Thobega

1 Dikhutsana dingwe, dingwetsi,


2 Dingwetsi, dingwe bagwe:
3 Dipelo tsa dikhutsana matlhoko-
4 Matlhoko a a gamutlhang pelong,
5 Dikhutsana a di tlhokomelweng;
6 Di se tlhokomologweng ka bomo.
7 Lefapha la Thuto le ba fepeng,
8 Le ba fepeng ka madi a thuto,
9 Ke tlhaolele ya eng boipusong?
10 A dikhutsana di tsene boitumelong.

11 Dingwe di tlogetswe sephiring,


12 Di sa itse fa di tlaa diila:
13 Dingwe di laetswe ka maphakela-
14 Ba laelwa fa go iketse motsadi,
15 Tlhogo ya lapa e robetse ruri,
16 E ile badimong go sa solofelwa,
17 Dipelo tsa dikhutsana dikgoto.
18 Dikgoto di tletseng mekgokgotho.
19 A di tsenngwe dikolo tsa bonatla,
20 Go tswa khutsana ga se bomatla!

21 Dikhutsana dingwe ke masea,


22 Le fa dingwe e le bagolo:
23 Dikhutsana dingwe makgarebe,
24 Le fa bangwe e le makolwane-
25 Ke kopa gore di agelwe leobo,
26 Leobo la menate ya lefatshe,
27 Lefapha la Thuto lehiritau!
28 Ga ke batle boipuso bo lethathau!

5.1 Kgankgolo ya leboko le, ke efe? (2)

5.2 Mmoki o senola maikutlo afe mo lebokong le? (2)

5.3 Naya sekapuo se se mo moleng 15 le mosola wa sona. (2)

5.4 Tsaya mola 20 o o tlhalose ka mafoko a gago, mme bokao bo sa fetoge. (2)

5.5 Naya ponagalo ya poko e e mo meleng 25 le 26 le mosola wa yona. (2)


[10]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 11 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

KAROLO YA B: PADI/DITLHANGWA TSA SETSO

Ditshwaelo ka kakaretso:
• Go boditswe potso ya TLHAMO le DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE go tswa mo
pading kgotsa ditlhangweng tsa setso tse di tlhaotsweng monongwaga.
• Batlhatlhojwa ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo pading
kgotsa ditlhangweng tsa setso tse ba di ithutileng.
• Fa motlhatlhojwa a itlhophetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA B, o
tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG YA C.
• Fa motlhatlhojwa a itlhophetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo
KAROLONG YA B, o tshwanetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA C.

PADI

Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng.

POTSO 6: POTSO YA TLHAMO

LEBA SEIPONE – Kabelo Kgatea

Gokatweng ga a ka a lemolola mpa, mme o ne a tsaya tshwetso e e maleba ka go


boloka le go sireletsa morwae e bong Motswagauteng go sa kgathalesege matshosetsi
a a neng a lebagane nao. Tshegetsa tlhagiso e ka ditiragalo go tswa mo pading.
Boleele jwa tlhamo ya gago e nne mafoko a a ka nnang 400–450. [25]

POTSO 7: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

LEBA SEIPONE – Kabelo Kgatea

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

NOPOLO A

E rile fa dikoko di fologa mo ditlhareng le dinonyane di simolola go letsa melodi e e


farologaneng, Motswagauteng a raga dikobo. A fitlha a nna mo setilong sa tshipi mo
maribelong.

A bona monnanyana wa baesekele a ema fa hekeng. A ntsha lebotlele la maŝwi a le


tlhoma fa fatshe. A mo tshwantsha. E rile go atamela mo go ena, a lemoga fa e le
Mokoko. Mo pelong a ipotsa gore mabitla a epiwa ke mang kwa Motsitlane fa Mokoko
a tlile makgoweng.

'Dumela Mokoko nkgonne.'

Mokoko a makala fa a utlwa leina la gagwe la kwa gae.


'E le gore o mang wena o nkitseng ka leina la kolobetso?'
A bua jalo a paraletse fa godimo ga baesekele. A rwele ditlhako tse di makgasa.
'A ke bona sepoko banna, mogalammakapa! Rooijan, motho yo ke wena monna?'

Kgang ya bona ya ya magoletsa, e bile Mokoko a lebetse fa a le mo tirong. A bolelela


Motswagauteng fa go nnile leuba kwa Motsitlane. Leruo le sule le batho ba sule.

'O kae dimo yo go tweng ke malome yole?'

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 12 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

Mokoko a tsenya tlhogo le go sulafalelwa. 'Mosala o ipolaile Motswagauteng.'


'Malome Mosala o ipolaile?'
'Go ntse jalo Morolong.'
E rile fa a tsenya tlhogo, dikeledi tsa simolola go rothela mo mmung jaaka pula ya
kgogolammoko kwa sekakeng.
'E le gore malome o ipolaetse eng?'
'O ne a jewa ke mogare wa sephamola se se phamolang ditšhaba.'
'HIV?'
'Go ntse jalo mosimane wa gaetsho. O re tlogetse motlapa wa malomaago. O ne a
leka go rekisa dikgomo gore a ikalafise, fela ga pala ka maano go sita a loso.'
'Malome Mosala o nnile legatlapa, a nna bogagapa, a swa jaaka legatlapa. Le sepoko
sa gagwe ga ke se tshabe.'
Ya nna gona Mokoko a gopolang motlhang Teko le Moleko ba neng ba tshosa
Motswagauteng le Pule ba itirile dipoko.
Basimane bao ga ba na ditsebe ba ntse ba ebela ka tsona. Teko ga twe o ne a sikere
Moleko mo magetleng, a apere jase ya ga Mokoko e ntsho le go goga motsoko gore
Pule le Motswagauteng ba itheye gore ba bone sepoko.

7.1 Naya leina le sefane sa ga mongwagwe Motswagauteng. (2)


7.2 Tlhalosa tshobotsi ya ga Jankie ka dintlha di le THARO. (3)
7.3 A o dumela gore lesika le na le seabe mo go tlholeng bana ba mebila,
botlhokatsebe gammogo le bogodu jo bo fitlhelwang mo setšhabeng?
Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)
7.4 Motswagauteng o senola maikutlo afe a a boteng go ya ka diteng tsa
temana e? (2)
7.5 Tlhalosa ditsela di le PEDI tse Motswagauteng a thusitseng ka tsona mo go
tshwarweng ga ditokololo tse dingwe tsa lekoko la ga Mokwepa. (2)
7.6 A Mokwepa ke mokapelo wa nnete wa ga Gokatweng? Tshegetsa karabo ya
gago ka lebaka. (2)
7.7 Naya dintlha di le PEDI mabapi le semelo sa ga mosadimogolo Ijelele. (2)
7.8 Lepodisi le le neng le etela kwa ga Mokwepa le bontsha jang go tlhoka
boineelo mo tirong? (2)
7.9 Kobbie o na le seabe sefe mo kgodisong ya ga Motswagauteng? (2)
7.10 Fa o bona, a Mosala ga se ena a itsentseng bolwetse le bomadimabe ka
ntlha ya go inaya naga le go tlhoka tsebe ga gagwe? (2)
7.11 Go ya ka wena, a go siame gore Mosala a fedise botshelo jwa gagwe? (2)
7.12 O ithutile eng go tswa mo go se se diragaletseng Motswagauteng go ya ka
temana e? (2)
[25]

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 13 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

POTSO 8: POTSO YA TLHAMO


OMPHILE UMPHI MODISE – DPS Monyaise
Motlalepule ga a ka a lemolola mpa, mme o ne a tsaya tshwetso e e maleba ka go
boloka le go sireletsa morwae e bong Omphile go sa kgathalesege dikgwetlho tse a
neng a lebane natso. Tshegetsa tlhagiso e ka ditiragalo go tswa mo pading. Boleele
jwa tlhamo ya gago e nne mafoko a a ka nnang 400–450. [25]
POTSO 9: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE
OMPHILE UMPHI MODISE – DPS Monyaise
Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.
NOPOLO B
MmaMosidi o ne a koafetse, go sa fete letsatsi a sa selwe a ole. RraMosidi a leka
dingaka a ba a leba ka matlho; molato o le mo tlhogong. Modise le mogatse ba ya go
mo lekola go le motshegare wa tsatsi la Matlhatso. Modise a nna go bapa le fensetere,
a mo potile ka fa tsogong la moja. E re fa a bua le MmaMosidi, a sokologe jaaka e kete
o gadima kwa morago. Mosadimogolo o ne a letse a mo lora go le maabane. Jaanong
a mo tlhokomela sentle thata; e re a bua nae, a mo šebe mo matlhong go bona gore a
o ka ikanngwa.
'Modise, ngwanaka, tsa lefatshe re di bonye … Jaanong re tshwanetse go
ipaakanyetsa tsela re sa gadima kwa morago. Mme bopelotshetlha le bofula bo re
ngaparetse'.
'Mma, o bo o tlaa bua thata, o tloge o ithonkge.'
'A ke tlaa bua kwa legodimong …?'
'Ga ke rialo.'
'Mma ke bue … Ee, Modise oorra-Sehunelo a Nthufa a Mathibela, motho a bona noga
e mo thiba pele, a e tlola setoto morwa-Lepile, a sometse tšhaka jaaka phuka tsa
ntšhwe.'
'Mma!'
'Ngwanaka, nkatamela.'
Modise a ya go khubama fa pele ga MmaMosidi.
Mosadimogolo a mo keleka a ba a fitlha mo tsebeng ya moja. A simolola go roroma
jaaka motho wa letshoroma. Fa Mosidi a tlola a re o a mo tshwara, mosadimogolo a
ngaa jaaka ntšwa e gatile legala. 'Omphile!' Modise a tlola. A ithaya a re MmaMosidi a
re 'Umphi'. Fa a mo šeba, a bona MmaMosidi a phaphaletse sefatlhego …
Ngaka ya fitlha maloba e le maabane ...
Motho ga a itsewe e se naga. MmaMosidi o ne a na le letlojana le o neng a le beile
kwa go itseng ene fela. Ya re go ntse go phurutlhololwa, motho a tshelolola letlojana e
kete le ka tswa dikgolo.
'Rra, se ke 'ng?' RraMosidi a tlhoka karabo, e le sa ntlha a le bona. Fa ba bula, ba
fitlhela pampitshana mo teng e kwadilwe ka tsogo le le roromang:
'Modimo o intšhwarele. Batho thusang ngwanake, o kwa Olanti.
Ke 'meile lotšhwao ka fa morago ga tlhogo. Ke Omphile.'

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 14 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

9.1 Mogatsa Modise ke mang? (1)

9.2 Tlhalosa bokao jwa maina a MABEDI a ga Modise. (2)

9.3 Tlhagisa dintlha di le PEDI ka ga tshobotsi ya ga RraModise. (2)

9.4 Ke eng se se neng se dira gore Motlalepule a retelelwe ke go tshela monna


wa gagwe ka mafoko? (2)

9.5 Naya dintlha di le PEDI tsa semelo sa ga RraMosidi tse di neng di dira gore a
se ka a lemoga fa Motlalepule a ne a mo fitlhetse ngwana. Tshegetsa ntlha
nngwe le nngwe ka lebaka. (4)

9.6 Go swa ka lehunelo ga ga Motlalepule go mmaketse eng mo botshelong jwa


gagwe? (2)

9.7 Tshwaela ka seabe sa ga RraModise mo kgodisong ya ga Modise. (2)

9.8 Go tlhokafala ga ga MmaMosidi morago ga go bona morwae go re senolela


maikutlo afe a gagwe? (2)

9.9 Ke kgakololo efe e o ka bong o e file Motlalepule fa o ne o le tsala ya gagwe? (2)

9.10 Fa o ne o le Modise, mme o itse gore rraago o go tlhoile, o ne o tlaa dira eng? (2)

9.11 Go ya ka wena, a o ne o ka itumelela Kgosi Badirele go busa kgotla ya


gaeno? (2)

9.12 O ithutile eng go tswa mo go moanelwa Modise? (2)


[25]

POTSO 10: POTSO YA TLHAMO

MASEGO – G Mokae

Masego ga a ka a lemolola mpa, mme o ne a tsaya tshwetso e e maleba ka go boloka


le go godisa morwae e bong Sello go sa kgathalesege dikgwetlho tse a neng a lebane
natso. Tshegetsa tlhagiso e ka ditiragalo go tswa mo pading. Boleele jwa tlhamo ya
gago e nne mafoko a a ka nnang 400–450. [25]

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 15 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

POTSO 11: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

MASEGO – G Mokae

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

NOPOLO C

'O ka re rraagomogolo le mmaagomogolo ba ka bo ba sa tshela, Sello … Ba ne ba tlaa


ipela ka wena!' Masego a mo atla ka boitumelo, matlho a elela dikeledi tsa boitumelo.

'Kwa ba teng ba ipela ka nna, mme,' Sello a mo solofetsa.


'Ke se ke leng sona ka ntlha ya matsapa a bona, mme seo ga nkitla ke se lebala.'

'Ao Sello, Masego a lela a gapilwe maikutlo ke go nna le tebogo ga ga morwae, le go


se lebale kwa a tswang teng'. 'O nkgopotsa ngaka Mpe …'

Go kgabaganya ga ga Sello kwa sekolong sa bongaka sa Yunibesithi ya Natala go ne


ga tlogela Sello a aparetswe ke bolwetse jwa go rata go dira dipatlisiso.

Fa a aloga mo bofelong jwa ngwaga wa 1984, a se gabalele go bula phaposi ya gagwe


ya go tlhatlhobela balwetse jaaka bontsi jwa bakaulengwe ba gagwe; go simolola go
gelela madi ka dikgamelo le go tshela botshelo jwa go tlhaba kgobe ka mmutlwa.

A swetsa go boela Natala go ithutela pele.

Mo tshwetsong ya gagwe, a tlhotlheletswa ke gore maemo a ga mmaagwe a ne a sa


mo gapeletse go itlhaganela go bona tiro e e duelang madi a mantsi.

Sebowana se Masego a neng a se simolotse go mo ruta se ne se sa ntse se na le


madi a a kgotsofatsang. Kwa sekolong sa bongaka, o ne a gapa dibasari di le dintsi go
mo duelela mo dithutong, mme ba sa kgome thata dinamane tsa sona kwa bankeng,
mme tsa nna tsa nona.

'O mphitlhisitse kgakala mme; mme ke itumelela seo. Fela, le wena nako e fitlhile ya
go itumelela maungo a mofufutso wa phatla ya gago. Tswee-tswe, dirisa madi a a
setseng go iponela ntlo e e botoka kwa Ga-Rankuwa,' Sello a mo lopa.
'Ke tlaa kgona go tshela le go tsweletsa dithuto tsa me ka madinyana ao dingaka tse di
ithutelang pele di a bonang.'

'Ke a leboga morwame; tswelela pele ka dithuto tsa gago 'go fitlha kwa o batlang teng,'
Masego a mo araba. Fela gopola, tsa kwa pele ga di itsiwe, ka jalo re tshwanelwa ke
go beela a mangwe kwa thoko gore fa o ka a tlhoka, a be a le gona.'

Ka kgwedi ya Mopitlwe wa 1985, Masego a laela motlhatlhana wa gagwe kwa motseng


wa Mmakau, mme a tsena mo ntlong ya gagwe e ntšhwa kwa motsesetoropong o o
gaufi wa Ga-Rankuwa.

11.1 Rraagwemogolo le mmaagwemogolo ba ga Sello ke bomang? (2)

11.2 Masego o senola maikutlo afe a a boteng go ya ka diteng tsa temana e? (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 16 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

11.3 Go sa lebaleng ga ga Sello kwa a tswang teng, go senola semelo sefe sa


gagwe? (2)

11.4 Tlhagisa dintlha di le THARO ka ga tshobotsi ya ga Masego. (3)

11.5 Ba ga Lazar ba nnile le thotloetso efe mo botshelong jwa ga Sello? (2)

11.6 Seabe sa ga rraagwe Masego e nnile sefe mo phuthololong ya ditiragalo? (2)

11.7 A o dumela gore Rre Kgabo Motsepe o thusitse Masego ka ntlha ya fa a ne a


mo itaya gonne a ne a imile? (2)

11.8 Seabe sa ga Masego mo go senoleng kakanyokgolo ya padi e ke sefe? (2)

11.9 O ne o tlaa gakolola Sannah jang fa e ne e le tsala ya gago? (2)

11.10 Fa o ne o le Masego, mme tsala ya gago e go dirile jaaka Sannah a mo dirile,


o ne o ka dira eng? (2)

11.11 Go ya ka wena, a Masego o tsere tshwetso e e maleba ya go abela bana ba


ga Vuzi Mngoma boswa jo bo neng bo mo lebane? (2)

11.12 O ithutile eng ka ga moanelwa Kgabo Motsepe? (2)


[25]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 17 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

DITLHANGWA TSA SETSO

Ditshwaelo ka kakaretso:

• Go boditswe potso ya TLHAMO le DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE go tswa mo


ditlhangweng tsa setso tse di tlhaotsweng monongwaga.
• Batlhatlhojwa ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo
ditlhangweng tsa setso tse ba di ithutileng.
• Fa batlhatlhojwa ba itlhophetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA B,
ba tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG YA C.
• Fa batlhatlhojwa ba itlhophetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo
KAROLONG YA B, ba tshwanetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG
YA C.

POTSO 12: POTSO YA TLHAMO

DITLHANGWA TSA SETSO – GS Leeuw le ba bangwe

Buisa ditlhangwa tse di latelang ka kelotlhoko, mme o arabe potso.

• 'Kilano ya boPekwa le boKgogo'


• 'Mogaka Sol Plaatje'

O ikaegile ka diteng le semelo sa baanelwa ba naane ya 'Kilano ya boPekwa le


boKgogo' le leboko la 'Mogaka Sol Plaatje', kwala tlhamo go netefatsa gore fa motho
a lwela selo e le sa gagwe, ga a ke a lapa kgotsa a ineela bonolo. Boleele jwa tlhamo
e nne mafoko a a kana ka 400–450. [25]

NAANE: 'KILANO YA BOPEKWA LE BOKGOGO' – SJ Malao

NOPOLO D

'Bagaetsho maaka ga se lehumo, e bile nnete ke nnete le fa e tena. Batlotlegi ke nnete


re phela ka boKgogwana. Fela ke batla gore boKgogo ba re tlhalosetse fano, gona
jaanong gore re phele ka eng. Bagaetsho mafoko a kalo.'
Ntsu o ne a re: 'Lekgotla re utlwile ka fa boPekwa ba buang ka teng, jaanong ke tlaa
kopa Mokoko gore a re tlhalosetse gore boPekwa ba phele ka eng?'
Mokoko o ne a ema a re: 'Bagaetsho go a gakgamatsa go utlwa ka fa Pekwa a
botsang ka teng. Nna bagaetsho ka re a boPekwa ba phele ka magotlo gonne rona le
magotlo ga re nkgisane madi, mme boPekwa le rona re ba madi a le mangwe.'
Ntsu o ne a re: 'BoPekwa mafoko ke ao.' BoPekwa ba ne ba ngongorega gore Magotlo
ga a tshwarege bonolo ka a tsamaya bosigo. Kgaka o ne a ema a re: 'Bagaetsho a
boPekwa ba phele ka mabele.' Fa boKgaka ba sena go tshitshinya gore boPekwa ba
phele ka mabele, Magakabe le Magodi a ne a ngongorega gore Bopekwa ba a patikwa
le gore ba tlogelwe ba tshele ka Bokgogwana. Morago ga manganga a mantsi Ntsu o
ne a re: 'Jaaka ke le modulasetilo wa lekgotla le ke atlhola gore go tloga gompieno
boPekwa ba tshele ka mabele le dijalo tse dingwe.' BoKgogo le maeba ba ne ba sa
itumelela katlholo e, mme boPekwa ba tswa mo lekgotleng ba hutsafetse.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 18 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

E rile morago ga dibeke di le mmalwa boKgogo ba adima thipa mo go boPekwa gore


ba ipome ditlopo tsa bona gore ba tle ba tshwane le boPekwa. Ka bomadimabe
boKgogo ba ne ba timetsa thipa ele ya boPekwa. E rile fa boPekwa ba se na go utlwa
gore boKgogo ba timeditse thipa ya bona, kilano ya bona ele ya simolola sešwa.

Ke ka ntlha eo Kgogo e fatetseng ruri. E sa ntse e batla thipa ya boPekwa gore letlhoo
le tle le fele. Ke ka jalo boPekwa ba sa ntse ba ja Bokgogwana le gompieno ka ba
ituelela thipa ya bona. E be e nna tsona tsotlhe.

LE

LEBOKO

MOGAKA SOL PLAATJE – PC Mooa

1 Dumela morwa Plaatje mminatholo,


2 Dumela mminatholo morwa Mogodi,
3 Morwa Mogodi o teilweng Plaatje ke basweu,
4 Basweu ba reteletswe ke go peteketsa 'fane ya 'go,
5 Dumela kwakwabidi ya ngwana 'a mmala wa sebilo,
6 Dumela mminatshipi tholo seraga ka tlhako ya morago.
7 Petleke ya malemela-gotlhe motho oo mabogodika
8 Patlelong ya bokwadi, dibelo ya botho le setho o bonwe.
9 Tshetlha ya maralalathota tlhabologong
10 Khunou ya mafula a theetsa
11 Nkakariata puong, setsong le bothong Plaatje o ja pampiri ka pene
12 A lona matsapa a retetse go fifala ka gompieno ANC e bonwe
13 O tlhabolotse setšhaba soorrantsho bokwading
14 Sekakatlela botho le setho ka o ila go tlhaetswa matlho
15 O nkakariata mosekaphofu le fa phala e hibitse
16 Tsa' go ditiro di ela le naka di matshokwe tsa tholo
17 Thakadu o finokolotse lefatshe ka 'boko'
18 Modikafatshe wa utolola kitso ya thuto le polotiki
19 Modibela botho le segaabo puo o e antse letseleng
20 O se lwetse segaeno go lekalekanngwa magetla le dipuo dingwe tsa Bantsho
21 Ga o a ingwaa matsetse go baa botswana jwa gago kwa pele
22 Wa runtsha diane tsa Setswana le tšhomolodi ya tsona ya Seesimane
23 Ka o le mosekaphofu o sa batle disodiswana puong
24 Mminatholo se raga ka leoto lwa morago
25 Tlhaloganyo ya botlhe o ka se nyelele!

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 19 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

POTSO 13: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE


DITLHANGWA TSA SETSO – GS Leeuw le ba bangwe
Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.
'KATSE LE MONG WA YONA' – CLS Thobega
NOPOLO E
Ga twe e rile bogologolo, Dikatse di ne di itse go bua le beng ba tsona. Di ne di romiwa
fela jaaka batho. Ga twe ka letsatsi lengwe, monna mongwe a utswa Katse e sa le
nnye kwa dikatsaneng dingwe. Monna yo a ikotlela Katse ka boena. A ruta Katse go
apaya, le go fa baeng dijo. Ga twe e rile letsatsi lengwe ga tla monna wa moeng a
etetse monna yo o neng a ruile Katse.
Katse ya dira kofi go fa mong wa moeng. Katse e ne e apesitswe mosese jaaka
mosadi, mme e ne e tlhatswa dijana le dipitsa ka mokgwa o o neng o gakgamatsa.
Monna wa moeng a sala a gakgametse, 'A ruri se ke Katse e e dirang tiro e ntle go le
kana jaana,' Mong wa Katse o ne a e rutile go dira ditiro tsa mofuta o, ka matsetseleko.
Letsatsi le lengwe monna wa moeng a leka go bona gore a Katse e ka ne e latlhile
mokgwa wa yona wa boferefere jo bo amanang le ngwao ya yona. Monna wa moeng a
lalediwa go tla go nwa tee le monna yo o neng a ruile Katse gape. Monna wa moeng a
bolaya Legotlo, a le tsenya mo kgetsing ya baki, a ya kwa a neng a letilwe gone go
nwa kofi jaaka gale. Fa monna wa moeng a goroga, Katse ya bo e setse e itaaganya
dikopi le maswana, e dira kofi. E rile go ise go ye kae, kofi ya bo e setse e lerediwa
monna wa moeng. Katse ya tla e ntse e tsentse kopi ya kofi mo teng ga leselwana. Ya
baya kofi fa pele ga monna wa moeng. Monna wa moeng a nwa kofi.
Fa monna wa moeng a ntse a nwa kofi jaana, a tsere dikgang le mong wa Katse, a
leka go bona fa Katse e se kitla e gakologelwa Legotlo. Monna wa moeng a ntsha
Legotlo mo kgetsaneng ya baki, a le latlhela fa Katse e neng e ntse e tlhatswa dijana
gone. E rile fa Katse e bona Legotlo, ya lesa go tlhatswa dijana, ya sianela Legotlo.

13.1 Ke teko efe e monna a neng a e tlhagisa go bona fa Katse e sa latlha ngwao
ya yona? (2)

13.2 Ngwao ya Katse ke efe? (1)

13.3 Ke thuto efe e o e ungwileng mo naaneng e? (2)

13.4 Maikaelelo a mong wa Katse e ne e le afe? (2)

13.5 Fa o ne o le mong wa Katse, o ne o ka dira eng ka monna wa moeng a go


senyeditse maano? (2)

13.6 Ke leele lefe le le ka dirisiwang go bontsha gore fa Katse e bona legotlo go ne


ga senyega? (2)

13.7 Naya seane se se bontshang gore motho kgotsa selo fa e se sa gago o itse
gore se ka tsewa nako nngwe le nngwe. (2)

13.8 O ka dirisa jang se o se ithutileng mo naaneng e, mo botshelong? (2)


LE

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 20 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

LEBOKO

KGOSI MOLEFI K PILANE – MOM Seboni le EP Lekhela

1 O tlogeletswe motse ke mogolowe,


2 Ke mogolowe ke Pilane-a-Pheto,
3 O disitse sope la ga mmaagwe
4 Lesope la ga Seingwaeng-a-Lekanyane.
5 Molefi feela motse matlakala
6 O kate mesima o e hupelele,
7 Le matlapa a thujwe a a re kgopa
8 A lala a re ribolola menwana,
9 Fa re ya go botšhela ka kwa Kgosing,
10 Batla matimela Morena Molefi,

11 Matimela a batho o a gorose,


12 O etse dikgomo o tswa go di batla,
13 O ba fophole ka ditelekerafa.
14 Ba bangwe ba utlwala ka kwa Dikapa,
15 Ba bangwe ba utlwala ka kwa Natala,
16 Ba na le Dikobe ngwana wa ga Nthite,
17 Bontsi jwa bone ke boJohannese,
18 Bangwe banna ba tlogetse basadi,
19 Basadi le bana ba keta botsofe,
20 Ba letsa borraabo mogolwane,
21 Ga ba apara ba itshopere fela.
22 Makau a paletse kwa Makgoeng.

13.9 Leboko le ke la mofuta ofe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)

13.10 Mmoki a re kgosi e dire eng? (2)

13.11 Selelosegolo sa mmoki ke sefe ka motse? (2)

13.12 Tlhalosa mola wa bo 19 ka mafoko a gago. (2)

13.13 Naya seane se se bontshang gore kgosi e tshwanetse go rwala mathata a


morafe. (2)
[25]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 25

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 21 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

KAROLO YA C: TERAMA
Ditshwaelo ka kakaretso:
• Go boditswe potso ya TLHAMO le DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE go tswa mo
terameng e o e tlhaoletsweng monongwaga.
• Batlhatlhojwa ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo terameng e
ba e ithutileng.
• Fa motlhatlhojwa a itlhophetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA B, o
tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG YA C.
• Fa motlhatlhojwa a itlhophetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo
KAROLONG YA B, o tshwanetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA C.
POTSO 14: POTSO YA TLHAMO
MATSAPA DI A TSAYA KAE? – SS Mokua
Sekaseka morero wa teramakhutshwe ya Batho ga ba tshwane, mme o tlhagise gore a
o senotswe sentle kgotsa nnyaya. Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka
nnang 400–450. [25]
POTSO 15: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE
MATSAPA DI A TSAYA KAE? – SS Mokua
Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.
NOPOLO F

DIKOBE: Ke tlaa go bona


Ke sa ya banneng.
O se ka wa naganela fano, o naganele kwa
pele. Mongwe le mongwe o gopola ka
bokamoso ba gagwe.
(Maitseboeng a letsatsi leo, Dikobe le Mafenya ba iketlile mo ntlong nngwe ya
bojalwa)
MAFENYA: Morwarra, ke sale ke go roma, ga ke itse
gore o ne wa kgona go ka bona kgarebe
ele.
DIKOBE: Mogolole, ke tsamaile.
(O kgwa mowa)
Ga ke itse gore ke tlaa simolola kae.
MAFENYA: (Ka lentswe le le bonolo)
Bua fela.
Bua sengwe le sengwe se a se buileng.
O se ka wa tshaba.
DIKOBE: Monna, go ne go le thata.
Tshimo ele ke thite.
Mogoma o ne o kakadia fela fa godimo.
Go batlega terekere go ka e tlhabolola, e
seng sepane sa dipholo.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 22 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

MAFENYA: (O thikitha tlhogo)


Ke a go utlwa.
Ke lekilelekile ke paletswe.

DIKOBE: Lekgarebe fa le raya lekau le re ke


sekoropolapa, o itse gore go thata.
Mogolole, ke lela le wena.
Ga a go beye gope.
Fa a go lebile, ga a bone motho.

MAFENYA: (O bua a tshwenyegile)


Jaanong monna, ke dire eng?

DIKOBE: Moleta ngwedi ke moleta lefifi.


Jaaka o setse o mpoleletse gore o paletswe
go le kana kang, le nna tota ke lekile, ke
paletswe. Go botlhokwa gore o se ke wa
ipolaisa pelo.
Ga se ena fela.
Ipatlele yo mongwe.

MAFENYA: Ke kakanyo e e siameng.


Fela tsatsi lengwe, Nkefi o tlaa gopola
matsatsi a a neng a gana lenyalo.
Ka nako eo, o tlaa bo a le batla.
Le lona, le tlaa bo le mo tshaba.

DIKOBE: O tlaa lela dikeledi mo pelong.


Bofetwa bo tlaa bo bo mo kukile ka diatla
tsoopedi.

MAFENYA: Se nkganang, se nthola morwalo.


Nna fa ke riana, ga ke a tsena gotlhelele
mo nkgong, ke tsamaisa nako fela.
Ke tlaa tlogela bojalwa nako nngwe le
nngwe.

DIKOBE: A re bo tlogele morwarra, e bile bo re


senyetsa madi.
Ntšwa e bile ga e bo nwe
Modimo ga o fe ka letsogo. Ka letsatsi
lengwe, o tlaa nna le mosadi yo o go ratang.
Nkefi o tlaa bo a go batla. Tlholego o ka se
e ganetse, fa e go bitsa e a go bitsa.

15.1 Naya leina la ga mogatsa Mafenya. (1)

15.2 Mafenya le Dikobe, ba tota ba tlhaloganya se botshelo e leng sona. Faa


mabaka a le MABEDI a a tshegetsang ntlha eno. (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 23 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

15.3 Segalo se se dirisitsweng ke Mafenya mo mmuisanong wa gagwe se senola


semelo sefe sa gagwe? Naya dintlha di le PEDI, mme o tshegetse ntlha
nngwe le nngwe ka lebaka. (4)

15.4 Faa lebaka le le sa dumelesegeng mme le tlhaloganyesega ka ga maitsholo a


ga Nkefi morago ga gore Ntope a amogelwe kwa bookelong. (2)

15.5 Naya ntlha e le NNGWE ya semelo sa ga Ntope e e tlisitseng tlhakatlhakano


mo lelapeng la gagwe, mme o tshegetse karabo ya gago ka lebaka. (2)

15.6 A mme go ineelela bojalwa go ka rarabolola mathata a motho a iphitlhelang


mo go ona? (2)

15.7 Lorato lwa ga Nkefi le Ntope lo na le seabe sefe mo lelapeng la ga Ntope? (2)

15.8 Fa o ne o le tsala ya ga Nkefi, ke kgakololo efe e o neng o ka mo naya yona? (2)

15.9 A go siame gore Mafenya a bipe Ntope fa morago ga gore mogatse a utlwe
ditshebo tsa mo thekising? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)

15.10 Go ya ka wena, a go siame gore Ntope a nne le dinotlolo tsa kwa ga Nkefi? (2)

15.11 Fa Dikobe e ne e le tsala ya gago, a o ne o tlaa itumelela botsalano jwa


lona? (2)

15.12 O ithutile eng ka ga modiragatsi Dikobe? (2)


[25]

POTSO 16: POTSO YA TLHAMO

GA SE LORATO – MJ Magasa

Sekaseka morero wa terama ya Ga se Lorato, mme o tlhagise gore a o senotswe


sentle kgotsa nnyaya. Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 400–450. [25]

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 24 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

POTSO 17: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE


GA SE LORATO – MJ Magasa
Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.
NOPOLO G

(O tlhomoga pelo)

LENKAPERE: Ao mmaabo e seng go mo sadisetsa!


E re re tlaa nna re mo tsholela.
Kana bosula ga bo busiwe ka bosula.
Borra a re emeleleng re tsamaye.
EMANG: Le tsamaye sentle bagolo.
(Ka makgakga)
Yo rre wa fa ke moipolai,
Dilo o di itirile.
Fa a ka bo a ne a re godisa sentle,
Le nna nkabo ke lela le lona,
Nkabo ke kgala mme.

LESEGO: Le nna ke la me leo.


Molemo o busetswa kwa o tswang,
Ga go molemo o o tlhapisang bosula.

GADIFELE: Le nna ke a rialo.


Ka re a a ikgakologele.

SELAPO: Le nna ka rialo bagaetsho.


Ka re fa a ka bo a ne a ntheetsa,
Go ka bo go sa diragala jaana.

GADIFELE: (Ka makgakga)


Kana o ne a ithabisa ka dikoloi
A bolela gore ene ke 'Mr Money',
A bolela gore basadi ba a mo rata,
E bile ga ba ke ba mo ngamola tlhogo.
Jaanong le nna ke a ratwa
Le nna ke batla go nna 'Mrs Money''
Ga o bone le nna banna ba a nthata.
(Go ema BMW e ntsho kwa kgorong, Gadifele o bua ka go
ikgantsha)

Lona borre intshwareleng


Ke setse ke le mo tseleng.
Koloi ele e batla nna.

EMANG: Le nna ke ya Dikgogometsong


Go na le baopedi ba: 'The Drips.'
(Gadifele o a tswa)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 25 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

(Ka khutsafalo a sekile dikeledi)


MOTSAMAI: Lo a bona bagaetsho.
Go diragala tsona tse.
(O a lela)
Le nna ke ipolaile ka bomo
Bona gore ba ntirang.
(O wela fa fatshe)

(Ka letshogo)
SELAPO: Hee! Lesego le Emang
Rraalona ke yo o idibetse
Tlayang lo re thuse.

(Ka lenyatso la boikgantsho)


EMANG: Nna nka se kgone go le thusa,
Ke itlhaganetse thata.

LESEGO: (Ka bokhutshwane)


Le nna ke itlhaganetse
Ke tlaa mmona fa ke boa.
Fa a ise a tlhapogelwe,
Ke tlaa feta ke mo isa ngakeng.
(Lesego le Emang ba a tswa)

(Ka go tenega)
SELAPO: Le nna ke ithwesa morwalo,
Jaanong ba ntlogetse le setopo.
Ba re nna ke se reng?
Le nna ke a se tlogela.
(O a tswa)

17.1 Naya leina la ga mogatsa Selapo. (1)

17.2 Go nna matlhomantsi ga ga Motsamai go tsweletsa jang morero wa terama? (2)

17.3 Segalo se se dirisitsweng ke Emang mo mmuisanong wa gagwe se senola


semelo sefe sa gagwe? Naya dintlha di PEDI, mme o tshegetse ntlha nngwe
le nngwe ka lebaka. (4)

17.4 Naya ntlha e le NNGWE ya semelo sa ga Gadifele e e dirileng gore Motsamai


a se ka a latlha mekgwa ya gagwe. Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)

17.5 Naya setlhoa sa kgotlhang ya ga Motsamai le Gladys. (2)

17.6 A o dumela gore Motsamai dilo o di itirile? (2)

17.7 A go siame gore Motsamai a ratane ntswa e le monna wa lelapa? (2)

17.8 Seabe sa ga Angeline ke sefe mo go rataneng ga gagwe le Motsamai? (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 26 DBE/Ngwanaitseele 2016
NSC

17.9 Fa Lenkapere e ne e le tsala ya gago, a o ne o tlaa itumelela botsalano jwa


lona? (2)

17.10 Go ya ka wena, a thuto ya ga Gadifele mo baneng e a dumelesega le go


tlhaloganyesega? Tshegetsa ka lebaka. (2)

17.11 Fa o ne o le Selapo, mme Motsamai a kile a se go reetse o mo naya


dikgakololo, a o ne o ka mo tlogela a idibetse? (2)

17.12 O ithutile eng ka ga modiragatsi Lesego? (2)


[25]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 25
PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80

Kwalololo e ileditswe

You might also like