Location via proxy:   [ UP ]  
[Report a bug]   [Manage cookies]                
Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 24

NATIONAL

SENIOR CERTIFICATE

MOPHATO 12

SETSWANA PUO YA GAE (HL)

PAMPIRI YA BOBEDI (P2)

TLHAKOLE/MOPITLWE 2016

MADUO: 80

NAKO: Diura di le 2½

Pampiri e, e na le ditsebe di le 24.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 2 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

DITAELO LE TSHEDIMOSETSO

1. Buisa tsebe e ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso.

2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaneo la diteng mo


tsebeng ya bone, mme o tshwae dipalo tsa dipotso tse di boditsweng mo
dikwalong tse o di buisitseng monongwaga. Morago ga moo, buisa dipotso
tse, mme o tlhophe dipotso tse o batlang go di araba.

3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le THARO:

KAROLO YA A: Poko (30)


KAROLO YA B: Padi/Ditlhangwa tsa Setso (25)
KAROLO YA C: Terama (25)

4. Araba DIPOTSO di le TLHANO: Di le THARO mo KAROLONG YA A, e le


NNGWE mo KAROLONG YA B le e le NNGWE mo KAROLONG YA C ka
mokgwa o o latelang:

KAROLO YA A: POKO
MABOKO A A TLHAOTSWENG - Araba dipotso di le PEDI.
LEBOKO LE LE SA TLHAOLWANG - Batlhatlhojwa botlhe ba tshwanetse go
araba potso e.

KAROLO YA B: PADI/DITLHANGWA TSA SETSO


Araba potso e le NNGWE.

KAROLO YA C: TERAMA
Araba potso e le NNGWE.

5. TLHOPHO YA DIKARABO MO KAROLONG YA B (PADI kgotsa


DITLHANGWA TSA SETSO) LE MO KAROLONG YA C (TERAMA):

Araba FELA dipotso tsa padi kgotsa ditlhangwa tsa setso le terama tse o di
ithutileng.
Araba potso e le NNGWE ya TLHAMO le e le NNGWE ya DIPOTSO TSE
DIKHUTSHWANE. Fa o araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA B, o
tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG YA C. Fa o
arabile dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG YA B, o tshwanetse go
araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA C.
Dirisa lenaneonetefatso go go thusa.

6. BOLEELE JWA DIKARABO

Dikarabo tsa dipotso tsa tlhamo tsa poko di tshwanetse go nna mafoko a a ka
nnang 250–300.
Dikarabo tsa dipotso tsa tlhamo tsa padi kgotsa ditlhangwa tsa setso le
terama di tshwanetse go nna mafoko a a ka nnang 400–450.
Boleele jwa dikarabo tsa dipotso tse dikhutshwane bo laolwe ke maduo a a
neetsweng. Dikarabo tsa batlhatlhojwa di totobale, mme di nne maleba.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 3 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

7. Ela tlhoko ditaelo kwa tshimologong ya KAROLO e NNGWE le e NNGWE.

8. Nomora dikarabo tsa gago ka nepagalo go ya ka thulaganyo ya dipalo tse di


dirisitsweng mo pampiring ya dipotso.

9. Simolola KAROLO e NNGWE le e NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA.

10. Kwala ka mokwalo o o phepa e bile o bonala.

11. Tiriso ya nako e e tshikinngwang.

KAROLO YA A: Metsotso e le masomeamane (40)


KAROLO YA B: Metsotso e le masomeamatlhanotlhano (55)
KAROLO YA C: Metsotso e le masomeamatlhanotlhano (55)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 4 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

LENANEO LA DITENG
Tsebe e, e naya batlhatlhojwa tshedimosetso tebang le tlhopho ya dipotso tse ba
batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe.
KAROLO YA A: POKO
Poko e e tlhaotsweng: Araba di le PEDI fela tsa dipotso tse.
PALO YA POTSO MOFUTA WA POTSO MADUO TSEBE
1. 'Go nwela ga Mendi' Potso ya tlhamo 10 6
2. 'Ngwanaka o tsetswe' Dipotso tse dikhutshwane 10 7
3. 'Lentswe la Moledi' Dipotso tse dikhutshwane 10 8
4. 'Seetebosigo' Dipotso tse dikhutshwane 10 9

LE
Poko e e sa tlhaolwang: Potso e o TSHWANETSENG go e araba.
5. 'Selelo sa Tonki' Dipotso tse dikhutshwane 10 10

ELA TLHOKO: Araba POTSO E LE NNGWE YA TLHAMO le POTSO E LE NNGWE YA TSE


DIKHUTSHWANE. Fa o araba potso ya tlhamo mo KAROLONG ya B, o
tshwanetse go araba potso ya tse khutshwane mo KAROLONG ya C. Mo
KAROLONG ya B le mo KAROLONG ya C araba potso e le NNGWE fela.

KAROLO YA B: PADI/DITLHANGWA TSA SETSO


PADI: Araba potso e le NNGWE fela go tswa mo pading e o e tlhaoletsweng.
6. Leba Seipone Potso ya tlhamo 25 11
7. Leba Seipone Dipotso tse dikhutshwane 25 11
8. Omphile Umphi Modise Potso ya tlhamo 25 13
9. Omphile Umphi Modise Dipotso tse dikhutshwane 25 13
10. Masego Potso ya tlhamo 25 14
11. Masego Dipotso tse dikhutshwane 25 15
KGOTSA
DITLHANGWA TSA SETSO: Araba potso e le NNGWE fela go tswa mo ditlhangweng tsa setso
tse o di tlhaoletsweng
12. 'Tlholego ya Bakgatla ba ga Kgafela' Potso ya tlhamo 25 17
'Kgosi Molefi K Pilane'
13. 'Setlhare sa metlholo le mosadi' Dipotso tse dikhutshwane 25 18
'Mogaka Sol Plaatjie'
KAROLO YA C: TERAMA

Araba potso e le NNGWE fela go tswa mo terameng e o e tlhaoletsweng.


14. Matsapa di a tsaya kae? Potso ya tlhamo 25 21
15. Matsapa di a tsaya kae? Dipotso tse dikhutshwane 25 21
16. Ga se Lorato Potso ya tlhamo 25 22

17. Ga se Lorato Dipotso tse dikhutshwane 25 23

ELA TLHOKO: Mo DIKAROLONG tsa B le C, araba potso ya TLHAMO E LE


NNGWE le potso e le NNGWE ya DIPOTSO TSE
DIKHUTSHWANE. Ga o a tshwanela go araba dipotso tse PEDI tsa
tlhamo kgotsa tse PEDI tsa tse dikhutshwane.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 5 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

LENANEONETEFATSO

Lebelela lenaneonetefatso go rurifatsa fa o arabile palo ya dipotso e e tlhokegang.

KAROLO PALO YA PALO YA DIPOTSO TSHWAYA


DIPOTSO TSE DI ()
ARABIWANG
A: Poko 1–4 2
(Poko e e tlhaotsweng)
A: Poko 5 1
(Poko e e sa tlhaolwang)
B: Padi/Ditlhangwa tsa 6–11 1
Setso 12–13
(Tlhamo kgotsa dipotso
tse dikhutshwane)
C: Terama 14–17 1
(Tlhamo kgotsa dipotso
tse dikhutshwane)

ELA TLHOKO: Mo DIKAROLONG tsa B le C, netefatsa gore o arabile potso e le


NNGWE ya tlhamo le e le NNGWE ya dipotso tse dikhutshwane.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 6 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

KAROLO YA A: POKO

MABOKO A SETSWANA – MK Mothoagae

Dipotso di tlaa bodiwa go tswa mo mabokong mangwe a le MANE a a tlhaotsweng le


go tswa go le le LENGWE le le sa tlhaolwang. Batlhatlhojwa ba tshwanetse go araba
dipotso DINGWE LE DINGWE DI LE PEDI go tswa mo mabokong a a tlhaotsweng le
le le sa tlhaolwang. Dipotso tsa maboko a a tlhaotsweng di tlaa tlhagelela pele, mme
go latele tsa leboko le le sa tlhaolwang.

ELA TLHOKO: Araba potso e le NNGWE ya maboko a a sa tlhaolwang.

POKO E E TLHAOTSWENG

Araba dipotso di le PEDI go tswa mo go di le nne tse di boditsweng.

POTSO 1: POTSO YA TLHAMO

Buisa leboko le le latelang, mme morago o kwale tlhamo e mo go yona o tlhagisang ka


moo mmoki a gomotsang batho botlhe ka kutlobotlhoko e e wetseng banna ba ba neng
ba bololetse ntwa. Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 250–300.

GO NWELA GA MENDI – MS Kitchen

1 Hee bagaetsho! Lalang ka ntho madi a tshologa,


2 Le pelo di gamuketse botlhoko di tlaa fola.
3 Ba ile barwa-rra-rona, ga ba na go menoga,
4 Ba jelwe ke tau e sa sisimogeng motho mmala
5 Ba meditswe ke metsi a a se nang pelotlhomogi.

6 Go no go sa bolola legatlapa lepe nabo,


7 Go no go ile bomorwa-loso-lo-dirwang fela,
8 Banna ba ba tswang mogang thamo ya phala e hibitse,
9 Banna ba tshwantshitseng bolalome le dibatana,
10 Thaka tse dikgolo tse dipelo di ritibetseng.

11 Fa mongwe a na a ba tlhaselela lonyatsong


12 A re ke bodišaše ba ka mo tshoga seemo,
13 O na a tlaa thanya fela lomapo lo le tsebeng.
14 Mme fa le ena gongwe e le mosimane wa pholo,
15 Bogolo go no go ka ša logong ga sala molora.

16 Mephato e boile bona ba sa tlhokafala,


17 Re saletse go oketsa diphatla ka diatla fela.
18 Bana ba Mautlwakgosi ba setse masiela,
19 Le magae a bona a fetogile matlotla,
20 Masalela a bone a tlaa tswa mpeng tsa ditlhapi.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 7 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

21 Go no go sa bolola ope yo boboi le bone,


22 Go no go ile banna ba ba sa tshabeng loso:
23 Banna ba ba tswang mogang go le thata,
24 Banna ba, ba ne ba tshwana le dibatana ka bogale,
25 Thaka tse di ne di sa tlalelwe-tlalelwe fela. [10]

POTSO 2: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

NGWANAKA O TSETSWE – GK Setou

1 Ke go tlisitse mo lefatsheng
2 Ke le tshokolong le tshotlegong,
3 Ke go adimela ka ke se mengatong,
4 Go fitlha o tsena kgagabong,
5 Ka e tshwara bogaleng, ka re ngwana o ntswa mpeng.

6 Ke ne ke le kobo di magetleng.
7 Ka go isa thutong ya sešwa tlhabologong,
8 Ka go kotlopisetsa ka go kgobokanyetsa letsogong,
9 Ka ba ka ineela go ratharatha lenaong
10 Go na le gore o boe sekolong.
11 O ne o nkitse ke le monyo o nyang marigeng.

12 Ke ne ka go itshokela, ngwanaka,
13 Ka mophato ka nna ka go tlhatlosa,
14 Ka tshepo ya gore nna kgakakgolo ga ke na mebala,
15 Mebala ke tshepile e le mo go wena,
16 Gona jaanong o kwekhwentha seeng,
17 O lebala fa ke go tsetse ka Setswana.

18 Tsona diatlanyana tse di tsofetseng tse,


19 Ona matsogonyana a a tsutsubaneng a
20 A go godisitse; a go dirile ke-a-thaisa.
21 O lebetse fa rraago a ikhuditse malobeng,
22 A bolaiwa ke serame se mo tsene marapong,
23 Serame ka ntlha ya go bapalela tsetse.

2.1 Morero wa leboko le ke ofe? (1)

2.2 Ke maikutlo afe a a renang mo lebokong le? (2)

2.3 Nopola mafoko go tswa mo temaneng ya ntlha a a supang gore motsadi yo, o
ne a sa batle go utlwa sepe ka ngwana wa gagwe fa e ne e le lesea. (2)

2.4 Naya mosola wa sekapuo se se dirisitsweng mo moleng 11 wa leboko. (1)

2.5 Faa ponagalo ya poko e e dirisitsweng mo meleng 18 le 19 le mosola wa


yona. (2)

2.6 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2)


[10]

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 8 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

POTSO 3: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

LENTSWE LA MOLEDI – LD Raditladi

1 Jaanong ke tlaa leba bonnete matlhong.


2 E se re ke bua motho a ntenegela,
3 Ke diriwa ke botlhokobogolo.
4 Moledi ga ke bolo go akabala,
5 Go dirwa fela ke ntse ke lebile,
6 Go twe nna ke sefofu, ke foufetse.
7 Ke lesea, ga ke na go ngunanguna.
8 Monomotlha ga se maloba a bile
9 Seboba mpeng se neng se mpampeediwa,
10 E se re o se batola wa bolawa.

11 Moledi, motlhoiwa, ke tlhoetswe lefe?


12 A ke tlhoilwe go bo ke le mothwana,
13 Ka mothwana a se na lepe lesego,
14 Fa ke le phologolo ke lekaba?
15 Lefatshe leno la moledi leina.
16 Ditšhaba tsa tla mono go ntirela,
17 Tsa mpaya seatla mo matlhong lesilo.
18 Lesilo la nnete ka bokalala,
19 Nna botlhale ka se ka ka bo bona,
20 Ke tlhalefa ga twe ga ke a lekana.

21 Kgosi ya me nna tota ga e mphemele,


22 E femela ba e reng ba gara go tie.
23 Le gareng ga rona ga re itumele,
24 Fa re lwa re ngarolana mekwatla,
25 Re etsa phologolo tsele tsa naga.
26 Di reng di tshela mmogo di khutlane.
27 Makolwane re folosana majweng.

3.1 Kgankgolo ya leboko le ke efe? (1)

3.2 Maikutlo a mmoki ke afe go ya ka diteng tsa leboko? (2)

3.3 Nopola mafoko go tswa mo temaneng ya ntlha a a supang gore batho ba ne


ba ithaya ba re moledi ga a bone. (2)

3.4 Naya mosola wa ponagalo ya poko e e dirisitsweng mo meleng 12 le 13. (1)

3.5 Faa sekapuo se se dirisitsweng mo moleng 14 le mosola wa sona. (2)

3.6 Thuto e o e ungwang go tswa mo lebokong le, ke efe? (2)


[10]

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 9 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

POTSO 4: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

SEETEBOSIGO – LD Raditladi

1 Matlhare a phaphasela godimo,


2 O ka re dinku di fula phefong.
3 Le ditlhare di supa mmopamo,
4 Ke matlharapana fela a dikgong.
5 Ditsitsiri ga di yo dikobong,
6 Madi a batho ga di a senke,
7 Di maname tsotlhe, ga di a mmake.

8 Ka kwa segotlong go digagapa,


9 Basimane ba lwela legala,
10 Molelo o digetswe ditlharapa,
11 O oriwa ke yo o sa itseng botsala.
12 Mašwi kwa sakeng a tlaa nyelela,
13 Seetebosigo o dira selelo,
14 O irile jaaka ngwana wa lesilo.

15 Lenaga la rona le lehumeng,


16 Le apotse kobo ya letlhafula.
17 La ikgasa bosetlha dipounameng,
18 Digogwane tsa tlhoka difela,
19 Dinonyane tsa itsapa go lela.
20 Lekoko la koko la kokoana.
21 Mosong letsatsi le sa sirana.

4.1 Morero wa leboko le ke ofe? (1)

4.2 Mmoki o senola maikutlo afe mo lebokong le? (2)

4.3 Faa mosola wa sekapuo se se dirisitsweng mo meleng 1 le 2. (1)

4.4 Nopola mafoko go tswa mo temaneng ya bobedi, a a supang gore kgwedi ya


Seetebosigo, e tlisa tlala. (2)

4.5 Faa ponagalo ya poko e e dirisitsweng mo moleng 20 le mosola wa yona. (2)

4.6 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2)


[10]

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 10 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

POKO E E SA TLHAOLWANG

Batlhatlhojwa botlhe ba tshwanetse go araba potso e.

POTSO 5: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

SELELO SA TONKI – LD Raditladi

1 Ga re ke kile ka sepela ka etsa tlou,


2 Nna ka etsa kgolo ya ga mmadisanyana,
3 Ka setlaka mebila, matsibogo a nna
4 Masuputswana, ke gwanta fela setlou.

5 Ditlhakong ke kile ka alelwa matlhare,


6 Mokwatleng ka rwala Morena wa batho ,
7 Le ditsebeng nna ka goelelwa ke batho,
8 Ba kua 'Hosana', ba betsanya matlhare.

9 Nna tonki kana ke bolo go hupela,


10 Jaaka-mokgweba nna ke tlaa tswa molomo,
11 Ke tlaa ikuela bareneng ba, le Modimo,
12 Molao ga o bolo go tlhoka go ntlamela.

13 Go ka bo go le dikgosi nkoo ke ikuetse,


14 Go na le molao le nna ka batla balai;
15 Ka re motho ke sebatana sebolai,
16 Ga a na ruri le phologolo e mo ineetse.

17 Dibatana ga di na poloka batho,


18 Ga ba nthate tota ba nkila lekonkong,
19 Ke sebodu sa nama senkgela mokong,
20 Se jewang le ke ntšwa sedibela motho.

5.1 Kgankgolo ya leboko le ke efe? (1)

5.2 Ke maikutlo afe a a senolwang ke tonki mo lebokong le? (2)

5.3 Nopola mafoko mo temaneng ya botlhano a a supang gore tonki ga e ratwe


ke batho. (2)

5.4 Naya mosola wa ponagalo ya poko e e dirisitsweng mo moleng 9. (1)

5.5 Faa sekapuo se se dirisitsweng mo moleng 11 le mosola wa sona. (2)

5.6 Thuto e o e ungwang go tswa mo lebokong le, ke efe? (2)


[10]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 11 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

KAROLO YA B: PADI/DITLHANGWA TSA SETSO

Ditshwaelo ka kakaretso:

• Go boditswe potso ya TLHAMO le DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE go tswa mo


pading kgotsa ditlhangweng tsa setso tse di tlhaotsweng monongwaga.
• Batlhatlhojwa ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo pading
kgotsa ditlhangweng tsa setso tse ba di ithutileng.
• Fa batlhatlhojwa ba itlhophetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA B,
ba tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG YA C.
• Fa batlhatlhojwa ba itlhophetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo
KAROLONG YA B, ba tshwanetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG
YA C.

PADI

Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng.

POTSO 6: LEBA SEIPONE – Kabelo Kgatea

Go tlhokafala ga ga mosadimogolo Ijelele go tlholetse Motswagauteng matlhotlhapelo


gammogo le masetlapelo mo botshelong. Tshegetsa bonnete jwa tlhagiso e, o ikaegile
ka ditiragalo tsa padi. Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 400–450. [25]

KGOTSA

POTSO 7: LEBA SEIPONE – Kabelo Kgatea

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

E rile fa Motswagauteng a hularela mogope, a tlelwa ke mahutsana. A gopola tsa kwa


a tswang. Keledi ya thepologa le lerama le le setlhanyana. A khukhuisa, a ntsha
phatsa ya gagwe ya seipone. A iteba.

'Phimola dikeledi Motswagauteng, lebagana le botshelo jwa gago. Ga go ope yo o


mosola go gaisa wena mo botshelong jwa gago. Ga go ope yo o ka go direlang sepe
se se molemo. Gomotsega mosimane. Gomotsega Motswagauteng.'

A itshekatsheka le go tsutsubolola sefatlhego. A lebogela go bua le mosimane yo o


rutilweng go mo rata le go mo tlotla go tswa bonnyeng jwa gagwe. Go phirima ga
letsatsi ga tlisa lefifi mo pelong ya gagwe. A lala a sutlha sekgwa jalo, morwa
Gokatweng. A leka ka gotlhe gore a se tsamaele gaufi le dintšwa tse di bogolang,
dipone le fa a ka gaodisang motho gona.

A gopola sepoko se se tumileng thata kwa Motsitlane. Go ne go se ope mo motseng


yo o sa itseng sepoko sa ga Tsotsi. Se tumile ka go laisa batho mo khumbing. E re
motho a tsoga mo mosong, a iphitlhela a kakaletse fa godimo ga lebitla la ga Tsotsi.

Ga twe Tsotsi o ne a bolawa ke Basotho ba ba tumileng ka leina la Marašia kwa


Gauteng. Motswagauteng a sola babolai ba ga Tsotsi. A dumela se Ijelele a se mo
rutileng.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 12 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

'Batho ba ba bolawang le ba ba ipolayang ga ba tsene ka kgoro ya legodimo, gonne


ba sule pele ga nako e e beilweng ke Modimo.'

Mafoko a, a ga mosadimogolo Ijelele, a tiisa Motswagauteng moko. A rata botshelo le


go itsaya jaaka a ntse gonne a sa batle go ipona a poka.

E rile ka mahube a basadi, a itelekela ka toropo e a sa e itseng. A bona batho le dikoloi


di feresela. A ema tlhogo. E rile fa tlhogo e se na go itotlolola, a bona borogo. A tsena
ka fa tlase ga jona go isa marapo go beng gore ba kokone. E rile a sa ntse a bo
kgonkga jo bo se nang papadi, a utlwa monko wa nama jaaka o ka re o a lora. A bula
matlho ka iketlo. A fitlhela basimane ba bararo, ba apeile nama ka phafana ya bojalwa
jwa sekgowa jwa mabele, ya pampiri. A makalela boitseanape jo a bo bonang.

Bogobe bo apeilwe ka moteme. E ne e le lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa gagwe a


kopana le batho ba ba tshwanang le ena. A lemoga fa a timeletse mo morafeng wa
gaabo.

Basimane ba bararo ba ne ba tshwana le ena po! A lemoga fa a gorogile mo bathong


ba a ka ikanang ka bona. E seng Batswana ba go tweng Moleko le Teko, ba ba neng
ba rata go mo sotla fa a ikana ka Batswana.

Le fa go ne go le bothithonyana ka fa tlase ga borogo, gona Motswagauteng a eletsa


go tsoga le go ka ora molelo le basimane ba ba tshwanang le mosimane yo a
mmonang ka gale fa a iteba mo seiponeng. A simolola go nyeba morago ga go tlhonya
diura tse dintsi tse di fetileng.

7.1 Naya lebaka le le dirileng gore Motswagauteng a iphitlhele a tsoga kwa ga


Mokwepa. (1)

7.2 Nkokoagwe Motswagauteng, Ijelele, o ne a mo laetse gore a dire eng fa a ne


a ikobonya? (2)

7.3 Ke eng se se tlhotlheleditseng Gokatweng go romela Motswagauteng kwa


Motsitlane e sa ntse e le lesea le le metsi? (2)

7.4 Seabe sa ga Pule ke sefe mo tsweletsong ya morero wa padi e? (2)

7.5 Maikutlo a gago ke afe tebang le motho a tshwana le Mosala? Tshegetsa


karabo ka lebaka. (2)

7.6 Go ngwega ga ga Motswagauteng kwa ga Mokwepa go re senolela eng ka ga


botho jwa ga Mokwepa? (2)

7.7 Mosadimogolo Kobie o tsweletsa jang poloto ya padi e? (2)

7.8 Mopadi o tlhagisa Kabo e le motho wa semelo se se ntseng jang? (2)

7.9 Seabe sa ga Sepoko mo tsweletsong ya ditiragalo tsa padi e, ke sefe? (2)

7.10 Batho ba Foreiborogo ba thusitse jang mo go tsweletseng ditiragalo tsa padi


e? (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 13 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

7.11 Fa o ne o le motlhankedi wa puso, mo Lefapheng la Sepodisi o ne o ka dira


eng ka mapodisi a a gogobisang seriti sa sepodisi mo seretseng? (2)

7.12 Go ya ka wena, a go ne go le matshwanedi gore Gokatweng a atlholelwe


botshelo jwa gagwe jotlhe kwa kgolegelong? (2)

7.13 O ithutile eng ka moanelwamogolo wa padi e? (2)


[25]

POTSO 8: OMPHILE UMPHI MODISE – DPS Monyaise

Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng.

Morago ga go tshola ngwana yo o neng a sa mo ipaakanyetsa, Motlalepule o nnile le


mathata gammogo le masetlapelo mo botshelong. Tshegetsa bonnete jwa tlhagiso e, o
ikaegile ka ditiragalo tsa padi. Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang
400–450. [25]

KGOTSA

POTSO 9: OMPHILE UMPHI MODISE – DPS Monyaise

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

Ga twe Matile o ipela ka sekolo se sesweu se se bitsang motho a sa ntse a tsamaya


kgakala; mme mo malatsing ale a maloba a ngwaga wa 1983, e ne e re fa mosimane a
feditse go disa, ke gore fa a le nyaga tse di fetang lesome le metso e metlhano, e bo e
le gone a romelwang sekolong; a ya sekolong go ipaakanyetsa tlhomamiso ya ga
moruti gore e tle e re a nyala, a ba a itse go kwala.

Mme bontsi bo ne bo sa romele bana sekolong, gonne basimane ba ne ba tsamaya go


sa robetswe, ba ya go boa maitseboa kgomo di goroga, go lale go sa gangwa, bana ba
lale ba jele mosoko o se na sešabo. Ke sone se basimane ba bantsi ba neng ba
omosiwa fela, e re fa ba itse go kwala maina a bone ka tlhaka tse di sokameng, go twe
ba ye go batla tiro, ba rutegile … ba tloga ba tsenwa!

Monnamogolo Ofentse o ne a ratela bana ba gagwe lesedi, go se ope yo o sa bonang


mojako wa sekolo. Le fa a ne a ise a ke a bone lesedi la thuto ya Sekgoa, e ne e tle e
re a bua ka ga thuto a bo a ome legano, a simolole go kgadiepetsa batsadi ba ba neng
ba sa isa bana ba bone sekolong.

Fa motho a le mo Matile o bona matlo a masweu a motse wa Bodibe a tlhagile mo


tlhareng tsa megokare le dipopodiri; fa maru a thibile e kete bontle jwa one bo a
oketsega, bogolo jang ka nako ya gwetla, naga e kgabile ka botala jwa ditlhare le
mebala ya dithunya tsa ditšheše. O tshokane ka o gopola bontle jwa tshimo ya Etene
mo mosong wa dikgakologo tsa ntlha tsa popo ya lefatshe. O tshokane ka o gopola ka
ga monko wa tšheše tsa tshimo e go tweng batsadi ba rona ba e lomeleditse botho
jotlhe go ya go sa iweng. Fa o feta mo tseleng ya Ditsobotla, monko wa tšheše tsa
molapo o go tsikitla maroba a dinko; dinonyane di opela melodi ya botshelo jo boswa
le maikaelelo a manana. Fa o le motho yo o tleng o gopole ka ga kgakgamatso ya
thothomo ya botshelo, o na le motlabego o o phepa go manega maikutlo a gago mo go
one.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 14 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

Gaufi le ntlo ya Tshipi, go agilwe sekolo sa potana tsa majwe. Fa o re ntlo ya Tshipi,
mongwe le mongwe a itse gore o raya ntlo efe. Fa o re sekolo sa Bodibe, mongwe le
mongwe a itse gore o raya Borume. Mosimane yo moleele, a tsamaya a latlhetse
tlhogo kwa morago jaaka kokolohutwe e kgotshe menopi ya matlodi.

Powana tsa Aforikaborwa di tlholega mo sakeng le. 'Sedi la Aforika le simologa mo


boneng lo.' Maloba jaale Aforika a sa ntse a na le gone go ka totisa maitsetselo a
lefatshe, e ne e kete e tlaa re 'tsatsi lengwe re be re tumile kwa loapi lo kopanang le
lefatshe gone, re tumisitswe ke megaka le powana tse di tswang fa.

9.1 Ke eng se se tlhotlheleditseng monna wa lekgoa go rekisa lefatshe le, la


Matile? (2)

9.2 Seabe sa ga Borume mo tsweletsong ya padi e, ke sefe? (2)

9.3 Monnamogolo Ofentse o thusa jang mo go senoleng morero wa padi e? (2)

9.4 Tlhalosa maina a le MARARO a morwa wa ga Motlalepule. (3)

9.5 Tlhagisa gore semelo sa ga RraMosidi se thusa jang mo phuthololong ya


poloto ya padi e. (2)

9.6 A o dumelana le ntlha e e reng tshobotsi ya ga Thandi le Motlalepule ke


tsona tse di tlhodileng letlhoo magareng ga makgarebe a mabedi a? (2)

9.7 Go tsenela mokgatlho wa Baitiredi ga ga Modise go thusitse jang mo


tsweletsong ya ditiragalo tsa padi e? (2)

9.8 Fa o ne o le Matlakala, rraago a gana o ya sekolong, o ne o ka dira eng? (2)

9.9 Monnamogolo Semitlwe o thusa jang mo tsweletsong ya poloto ya padi e? (2)

9.10 Go ya ka wena, a go siame go belega ngwana morago o bo o mo isa kwa


kgodisetsong? (2)

9.11 Kgodiso ya ga monnamogolo Ofentse mo go Modise e mo thusitse jang? (2)

9.12 A mokwadi o kgonne go fitlhelela maikaelelo a gagwe ka padi e? Tshegetsa


karabo ka lebaka. (2)
[25]

POTSO 10: MASEGO – G Mokae

Go ima ga ga Masego go mo tlholetse matlhotlhapelo, mebotwana le dikgopi mo


botshelong. Tshegetsa bonnete jwa tlhagiso e, o ikaegile ka ditiragalo tsa padi.
Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 400–450. [25]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 15 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

POTSO 11: MASEGO – G Mokae

Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng.

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

'Rre Selamolela, ka ntlha ya dipholo tsa ngwaga le ngwaga tse di itumedisang, o


kgonne go tsalana le balaodi ba mananeo a a thusang bana ba ba ithutang kwa
diyunibesithing ka madi. Ka jalo, fa Masego a le kwa Sedimosang, o tlaa bo a le gaufi
le ditšhono tse di jalo go mo naya isagwe e ntle.'

'Ke seo o neng o batla go se re bolelela, rre Selamolela?' rraagwe Masego a mmotsa.

'Ee, rre Motsepe. Ntumele fa ke re, fa Masego a ka tla kwa Sedimosang, isagwe ya
gagwe e tlaa tsabakela. Ga ke batle go nyenyefatsa maatla a ga rre Kgotle go fitlha
jaanong, fela boammaruri ke gore, fa o ka mo letlelela go tla go simolola mophato wa
borobongwe kwa Sedimosang mo ngwageng o o tlang, ga o ne o ikotlhaela tshwetso
eo.'

'Fa gongwe ba bua nnete rraaabo; fa gongwe ga re a tshwanela go mo kganela …,'


mma Motsepe a leka go latlhela la gagwe la bolotsana.

'Mosadi ga ke mo kganele!' Kgabo Motsepe a omana.


'Se ke batlang go se netefatsa ke gore ga ba re tshele phori matlhong … Gopola,
mmaMotsepe, fa a ya koo, o tlaa bo a ya go dula koo. Kgakalakgakala le legae la
gagwe! Kana Masego ga se gofejane wa rona fela, ke morwadi a le esi wa rona … ke
batla go mo šeba ka leitlho le lentšhotšho gore a se wele mo mangopeng. Jaanong,
mmaabo, ke tlaa mo šeba jang a le kgakala le legae?'

'Re na le molaolatulo ya bana ba sekolo yo o leitlho le ntšhontšho.' Selamolela a leka


go mo diga makgwafo.

'A molaodi yo ke Kgabo Motsepe?' Motsepe a nganga ka lentswe le le bogale.

'Nnyaya rre Motsepe; ga se wena. Fela ke tsaya gore re tshwanetse go sekaseka


tlhokafalo ya go mo šeba ka leitlho le le bogale kgatlhanong le gore a se nne le
maparego mo maitekong a gagwe go tswelela pele ka dithuto tsa gagwe,' Chunky a
latlhela tlhware legonnyana.

'Fa gongwe fa rre Selamolela a ka solofetsa go mmaya leitlho go feta bana botlhe kwa
Sedimosang.' Kgotle a boa a leka go mo itumedisa.

'A ntsholofetsa? Ga ke mo itse le go mo itse gore tsa tsholofetso ya gagwe e tlaa bo e


na le bokao kgotsa nnyaya.'

'Ya me yona tsholofelo? A le yona ga e kitla e go kgotsofatsa?'

'Ya gago?' Kgabo Motsepe a tshega go se nene. 'Rre Kgotle, o dikile o tsoga le nna
mo nakong e telele go gapa pelo le tshepo ya me. Fa e ka bo e le gore Masego o ya
go nna mo matsogong a gago kwa Kgomo-Kgomo, gongwe ke ne ke tlaa phuthologa.
Jaaka o itse, ga a ye go nna mo matsogong a gago.'

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 16 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

11.1 Rre Selamolela le Rre Kgotle ba ne ba ile go batla eng kwa Silkatsnek? (1)

11.2 Rre Kgotle o ne a amana jang le Masego? (2)

11.3 Go ima ka go betelelwa, go nnile le seabe sefe mo botshelong ba ga Masego


mabapi le makau? (2)

11.4 Tlhagisa lebaka le le tlhodileng go kalediwa ga ga Rre Motsepe. (2)

11.5 Morero wa tlhaolele o na le seabe sefe mo kgolong le mo botsalanong ba ga


Rre Motsepe le base Schalk? (2)

11.6 A o dumelana le katlholeloloso ya ga Rre Motsepe? (2)

11.7 Semelo sa ga Vusi Mgoma se thusa jang mo phuthololong ya poloto? (2)

11.8 Boikwatlhao jwa ga Masego jwa go ima le go latlhegelwa ke tšhono ya go


tsena sekolo, bo nnile le thotloetso efe mo go ena? (2)

11.9 Rre Motsepe o senola semelo sefe mo mmuisanong wa gagwe le Masego


pele a tlaa kalediwa? (2)

11.10 Fa o ne o le rraagwe Masego, o ne o tlaa tsaya jang go ima ga ga Masego? (2)

11.11 Fa o tsena sekolo, mme wa kopana le tsala e tshwana le Sannah, o ne o ka


dira eng? (2)

11.12 A o akanya gore fa e ne e se ka ketleetso ya balelapa la ga Sol le Cathy,


Sello a ka bo a tsweleditse dithuto tsa gagwe? (2)

11.13 O ithutile eng ka moanelwa Masego? (2)


[25]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 17 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

DITLHANGWA TSA SETSO

Ditshwaelo ka kakaretso:
• Go boditswe potso ya TLHAMO le DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE go tswa mo
ditlhangweng tsa setso tse di tlhaotsweng monongwaga.
• Batlhatlhojwa ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo
ditlhangweng tsa setso tse ba di ithutileng.
• Fa batlhatlhojwa ba itlhophetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG YA B,
ba tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG YA C.
• Fa batlhatlhojwa ba itlhophetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo
KAROLONG YA B, ba tshwanetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG
YA C.

POTSO 12: DITLHANGWA TSA SETSO – G Leeuw le ba bangwe

'TLHOLEGO YA BAKGATLA BA GA KGAFELA' – CLS Thobega

Farologanya naane ya 'Tlholego ya Bakgatla ba ga Kgafela' (SETLHANGWA A) le


'Leboko la Kgosi Molefi K Pilane' (SETLHANGWA B). Boleele jwa tlhamo ya gago e
nne mafoko a a ka nnang 400–450.

SETLHANGWA A

Ga twe e rile ka letsatsi lengwe, ga bo go na le Bakgatla ba ba neng ba tswa kwa


Botlhabatsatsi, mme ba setse ba busitswe ke marena a le mantsi, le fa bangwe ba
busitse nako e khutshwane fela. Bakgatla e ne e le setšhaba se se neng se le thata
mo dintweng.

Ga twe ga go yo o itseng gore ba kgaogantswe ke eng, mme o ka re e ne e le ka ntlha


ya go lwela borena. Ba kgaogane fa go ne go busa Kgafela. Pheto o ne a ya go
tlhabana le Makgotse yo o neng a romilwe go ya go thusa Bakwena, fa ba ne ba lwa le
Bangwaketse. Fa a le kwa Mokwena, o ne a laletsa Legwale kgosi ya Bakwena go ya
go tlhabana le Pheto, morwa mogoloe.

Go ne ga nkga go sa bola, mme kwa bokhutlong Legwale o ne a tshwarwa ke


Bakgatla, ba mo rekegela, ba mo neela dikgomo, mme ba mmusetsa kwa Mokwena.
Go tlogeng fao, ga twe go ne ga busa dikgosi tse dintsinyana, mme di ne di sa emise
go bolaana fa gae. Merafe e ne e lwa ka boyona. Ditsebe o ne a bolawa fa gae. Go ne
ga tlhokofala bana ba le bantsi ba ga Pheto, mme bogosi jwa wela mo baneng ba ga
Pilane. Pilane yo e ne e le ngwana wa gofejane wa ga Pheto, mme tota bogosi bo ne
bo sa mmetse mo phatleng. Ga twe Pilane o ne a tshaba Matebele, mme o ne a ya
kwa thabaneng ya MmaModikwadikwana. Go tloga foo o ne a ya Bopedi ga Mapela.

Fa a le koo, Moselekase a romela molaetsa gore Pilane a boele gae. Ena o ne a roma
monnawe e leng Kgotlamaswe. Fa a fitlha kwa gae a itira kgosi, mme Pilane a lwa le
ena. Kgotlamaswe o ne a emisa go isa lekgetho kwa go mogoloe e leng Pilane. Pilane
o ne a bolaya mogoloe e leng Kgotlamaswe, mme Moselekase o ne a re Pilane o
molato ka a bolaile mogoloe. Pilane o ne a ya gape kwa Mapela.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 18 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

SETLHANGWA B

KGOSI MOLEFI K PILANE – MOM Seboni le ba bangwe

1 O tlogeletswe motse ke mogolowe.


2 Ke mogolowe ke Pilane a Pheto,
3 O disitse sope la ga mmaagwe
4 Lesope la ga Sengwaeng a Lekanyane.
5 Molefi feela motse matlakala
6 O kate mesima o e hupelele,
7 Le matlapa a thujwe a a re kgopa
8 A lala a re ribolola menwana,
9 Fa re ya go botšhela ka kwa Kgosing.
10 Batla matimela Morena Molefi,
11 Matimela a batho o a gorose,
12 O etse dikgomo o tswa go di batla,
13 O ba fophole ka ditelekerafa.
14 Ba bangwe ba utlwala ka kwa Dikapa,
15 Ba bangwe ba utlwala ka kwa Natala,
16 Ba na le Dikobe ngwana wa ga Nthite,
17 Bontsi jwa bone ke boJohannese,
18 Bangwe banna ba tlogetse basadi,
19 Basadi le bana ba keta botsofe,
20 Ba letsa borraabo mogolwane,
21 Ga ba apara ba itshopere fela.
22 Makau a paletse kwa makgoeng,
23 Ga twe ba nyala bosetepikopi, [25]

KGOTSA

POTSO 13: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

'SETLHARE SA METLHOLO LE MOSADI' – CLS Thobega le ba bangwe

Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Letsatsi leo lotlhe, Keneetsweng a tsena mo motseng o mongwe le o mongwe o a


neng a kopa dijo mo go ona go ikopa maitshwarelo. Ya re a le gautshwane le molapo
mongwe a leka go o tlola, mme a utlwa maoto a gagwe a le bokete e kete o
golegetswe dikeetane. A wela fa fatshe. Fa a tsoga, a bona setlhare sele sa
dimakatso. 'Ijoo!'

Ijoo' Bathong wee! A ke sona setlhare sele se se kileng sa nkidibatsa? Ke tlaa lala ke
iphitlhile kae? Modimo wa magodimo a ko o nthuse! Setlhare sa ntsha molelo o montsi
gape. Molelo wa tima. Ga nkga mosi fela. Mosi wa kgama Keneetsweng. A tlhoka go
bona tsela e a tsileng ka yona.
'Ke fetogile tshwene ka ntlha ya tlala. Monna wa gago ke thebe ya gago.
'Ke fetogile tshwene ka ntlha ya tlala. Ijoo nna wee! Ijoo nna wee!

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 19 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

A khubama ka mangole. A leka go rapela. Mosi wa mo kgama a sa ntse a phuthile


mabogo a a beile mo sehubeng. A gotlhodisiwa ke mosi o montsho o o neng o mo
kgama. Setlhare sa nyelela gotlhelele. Ga fifala a se ka a bona kwa se ileng gona.
Maru a dumaduma. Keneetsweng a utlwa pina e re:

'O ratile go seba monna wa gago!


Monna o mo seba le ditsala,
O tlaa ipona ka o re o botlhale.
Ga o botlhale o lelope la sebatana,
Ke tlaa go kgaola leleme la maaka.
Ke tlaa le kgaola ka tšhaka e e bogale,
O tsamaya ka leleme jaaka tlhapi
O bakele go seba batho o kopa dijo,
O filwe mabogo go itirela ka ona!

Leleme la ga Keneetsweng la taologa. Setlhare sa bonala gape. Sa goga leleme ka


diatla tse ditelele. Leleme la ga Keneetsweng la taologela pele. La bofelo, leleme la
kgaoga.

Setlhare sa nyelela gape ka bonako. Keneetsweng a idibala. Ya re a thanya a se ka a


bona setlhare gape. A leka go sia. Ga pala. A fetoga tshwene. A nna le ditshwene tse
dingwe mo dikgageng. Fa ditshwene di lemoga fa tshwene e ntšhwa e sa itse go bua
jaaka tsona, tsa makala. Tsa ipotsa gore ke ya mofuta mang e e sa itseng go tlhodia
jaaka tsona. Mosadi yo o fetogileng tshwene o ne a sa di tlwaele, a di tshaba fa di mo
atamela. Ditshwene tsa simolola go tshwenya mosadi yo ka go mmetsa.

13.1 Naane e, ke ya mofuta ofe? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2)

13.2 Morero o o tlhagelelang mo naaneng e, ke ofe? (2)

13.3 Tlhagisa gore ke ka ntlha ya eng fa mokwadi a dirisitse puo ya botshwantshi


mo pineng e e tlhagelelang mo naaneng. (2)

13.4 Mosola wa pina mo naaneng e, ke ofe? (1)

13.5 Tlhagisa maitlhomo a mokwadi mo naaneng e. (2)

13.6 Ke eng se se sa dumelesegeng le go tlhaloganyesega ka naane e?


Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)

13.7 O ka naya Keneetsweng kgakololo efe tebang le maitsholo a gagwe? (2)

13.8 O ka dirisa jang se o se ithutileng mo naaneng e, mo botshelong jwa ka


metlha? (2)

LE

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 20 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

Buisa leboko le le latelang, mme morago o arabe dipotso.

MOGAKA SOL PLAATJIE – PC Mooa

1 Dumela morwa Plaatjie mminatholo,


2 Dumela mminatholo morwa wa mogodi
3 Morwamogodi o teilweng Plaatjie ke basweu,
4 Basweu ba reteletswe ke go peteketsa 'fane ya 'go
5 Dumela kwakwabidi ya ngwana 'mmala o sebilo,
6 Dumela mminatshipi, Tholo se raga ka tlhako ya morago.
7 Petleke ya malemela-gotlhe, motho o mabogodika
8 Patlelong ya bokwadi, dibelo ya botho le setho o bonwe
9 Tshetlha ya maralala thota tlhabologong
10 Khunou ya mafula a theetsa
11 Ka o ne o sa isa tšhelete selebatsa motho botho tlhogong
12 Ka wena le sa 'go semphato seme le makgatho
13 South African Native Counil ya tlhabelwa ke letsatsi ka 8 Firikgong 1912
14 E gogwa ke tshetlha ya dipoa, segelebetega ka kodu Langalibalele Dube
15 Nkakariata puong, setsong le bothong Plaatjie o ja pampiri ka pene
16 A lona matsapa a retetse go fifala ka gompieno ANC e bonwe
17 O tlhabolotse setšhaba soorrantsho bokwading
18 Se kakatlela botho le setho, ka o ila go tlhaetswa matlho
19 O nkakariata mosekaphofu le fa phala e hibitse
20 Dumela Sol Plaatjie morolong-a-mminatholo
21 Dumela mminatholo o e binang le 'naka tsa yona.

13.9 Leboko le, ke la mofuta ofe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)

13.10 Lebakalegolo la go dirisa phologolo e e tlhagelelang mo lebokong le ke lefe? (2)

13.11 Tlhagisa gore ke ka ntlha ya eng fa mokwadi a dirisitse tlhatlagano motlele


mo lebokong le. (2)

13.12 Maikaelelo a mmoki a go tlotlomatsa sebokiwa ke afe? (2)

13.13 Mela 5 le 6 e tsosa maikutlo a a ntseng jang mo go wena? (2)


[25]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 25

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 21 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

KAROLO YA C: TERAMA

Ditshwaelo ka kakaretso:

• Go boditswe potso ya TLHAMO le DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE go tswa mo


diterameng tse di tlhaotsweng monongwaga.
• Batlhatlhojwa ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo terameng e
ba e ithutileng.
• Fa batlhatlhojwa ba itlhopetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG ya B, ba
tshwanetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo KAROLONG ya C.
• Fa batlhatlhojwa ba itlhophetse go araba dipotso tse dikhutshwane mo
KAROLONG ya B, ba tshwanetse go araba potso ya tlhamo mo KAROLONG ya C.

POTSO 14: MATSAPA DI A TSAYA KAE? – SS Mokua

A ditiragalo tsa teramakhutshwe, 'Batho ga ba tshwane', di tsamaisana le setlhogo?


Kwala tlhamo e mo go yona o tlhagisang letlhakore la gago. Boleele jwa tlhamo e nne
mafoko a a ka nnang 400–450. [25]

KGOTSA

POTSO 15: MATSAPA DI A TSAYA KAE? – SS Mokua

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

(Ke letsatsi la Lamatlhatso, Nnaniki o ntse a anega dikhai mo terateng. Moremi o a mo


thusa.)

NNANIKI: (O a tshegatshega)
Go nna le monna yo o go thusang go monate
(Moremi o a mo leba)
Ga se gantsi o fitlhela monna a thusa mosadi.

MOREMI: Thusano e nna teng fa go na le kutlwano mo lapeng.

NNANIKI: Ditsala tsa gago fa di ka tsena fa jaanong, o tlaa bo o ntlogela, o ba


tshaba.

MOREMI: (O a ikgakatsa)
Nna ke ba tshaba?

NNANIKI: Wena! O tshaba gore ba tlaa re o apere jase.


(Ba a tshega)

MOREMI: Mosadimogolo ga a tlhole a kgona.


O akgilwe ke loso lwa mokgalajwana wa gagwe.

NNANIKI: Mm! Ke a go utlwa. A o na le leano?

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 22 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

MOREMI: Ee! Re tshwanetse go batla motho yo o tlaa nnang le ena.


Ngwana wa ga mmangwane o nkutlwisitse botlhoko
gore a tlogele mme a le esi

NNANIKI: Go ntse jalo batho ba losika ga ba tshepagale.

MOREMI: E seng ba botlhe, ba bangwe. Mme fela mo lebakeng le,


ke bona gore re batle motho yo o tswang kgakala.

NNANIKI: (O tsholetsa lentswe)


Motho wa kgakala.
Fa go le jalo, o tshwanetse go itse kwa gaabo pele o ka mo tsaya.

15.1 Naya leina la mosadimogolo yo go buiwang ka ena mo nopolong e. (1)

15.2 Mosadimogolo yo, o amana jang le Nnaniki? (1)

15.3 Tlhalosa gore go tewa eng fa go twe: 'O akgilwe ke loso lwa mokgalajwana
wa gagwe'. (2)

15.4 Tlhalosa mabaka a le MARARO a a neng a pateletsa Moremi le Nnaniki go


batlela mosadimogolo mothusi. (3)

15.5 Moterama o tlhagisa Nobuhle e le modiragatsi yo o ntseng jang? (2)

15.6 Kwa ntle ga go thusa Nnaniki go anega dikhai, ke eng gape se se


gakgamatsang ka ga Moremi? (2)

15.7 Nnaniki le Moremi ba batla motho yo o ntseng jang? (2)

15.8 Maikutlo a gago ke afe tebang le Nomalanga ka go tlogela tiro a boela gae? (2)

15.9 Tlhagisa ditiragalo di le PEDI tse di senolang fa teramakhutshwe e bontshitse


fa ruri batho ba sa tshwane. (4)

15.10 Tshwetso ya ga Nomalanga ya go gana tiro e senola semelo sefe sa gagwe? (2)

15.11 Fa o ka bo o le Matlhare, o ne o tlaa dira eng go pateletsa Nomalanga go


fetola tshwetso e a e tsereng ya go gana go direla baoki? (2)

15.12 O ithutile eng go tswa mo teramakhutshweng e? (2)


[25]

POTSO 16: GA SE LORATO – MJ Magasa

A ditiragalo tsa terama, Ga se Lorato, di tsamaisana le setlhogo? Kwala tlhamo e mo


go yona o tlhagisang letlhakore la gago. Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka
nnang 400–450. [25]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 23 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

POTSO 17: GA SE LORATO – MJ Magasa

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso.

(Phirimane ya Sontaga, Gadifele o itisitse le morwadie Emang le morwae Lesego fa


lapeng.)

LESEGO: (O bua ka khutsafalo le go tsila)


O a itse mma re phela bokete.
O ka re re bana ba se na rraabo,
Le batho ba setse ba re sotla,
Ba re re bolawa ke tlala.

EMANG: (O tsholola keledi)


Tota le nna nkgonne ke babaletswe,
Le sekolo o ka re nka se tlogela.
Bona fela diaparo tsa rona tsa sekolo
Di setse di le mantabole,
Fa re tshameka kwa sekolong
Ke bidiwa 'arme skepsel!'
Fa e ka bo e se ka morutabana Diemeng,
Ke ka bo ke setse ke matlilwe ke tlala,
O a ne a ntshadisetse sejonyana.

GADIFELE: (Ka kutlobotlhoko)


Banaka, wena Lesego le Emang
Emang lo tiye mo tumelong.
Lo lesego ka lo sa ntse lo na le mmaalona.
Yo e reng lo bua a lo reetse.
Ditiro tsa Modimo ke go re ga o ke o latlha ope,
Se sa feleng se a bo se tlhola.
Yo o simololang ka monate
O tlaa fetsa ka botlhoko
Jaanong lona ka lo simolola ka botlhoko
Lo ya go fetsa ka monate.

17.1 Naya maina a le MARARO a badirammogo le Motsamai. (3)

17.2 Go ne go tlhagisiwa kumo efe kwa ba neng ba dira gona? (1)

17.3 Naya leina la setheo se ba neng ba dira kwa go sona. (1)

17.4 Goreng Lesego a bua ka khutsafalo le go tsila? (2)

17.5 Go ikgatholosa go tlamela lelapa ga ga Motsamai go mo tliseditse


ditlamorago dife mo botshelong? (2)

17.6 Go tewa eng fa go twe: 'khutsana e gola ka mašwi a merakana'? (2)

17.7 Go itshoka ga ga Gadifele go tsweletsa ditiragalo tsa terama jang? (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 24 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2016
NSC

17.8 Puo ya ga Emang mo nopolong e, e senola maikutlo afe? Tshegetsa karabo


ya gago. (2)

17.9 Tlhalosa gore bokao jwa maina a badiragatsi ba bararo ba, Gadifele, Emang
le Lesego bo thusitse jang gore ba fenye dikgwetlho tse di neng di ba lebane. (6)

17.10 Go ya ka wena, a go ne go tshwanetse gore bathapi ba ga Motsamai ba mo


kobe? (2)

17.11 Fa o ne o le mosadi wa ga Motsamai, o ne o ka dira eng ka monna yo o


jaana? (2)
[25]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 25
PALOGOTLHE: 80

Kwalololo e ileditswe

You might also like